Naledi

Boramabole ba goroga ka dietsele

Kgaisano e, e ne e ngokile mafatshe a le 19 a a itsegeng thata ka motshameko wa mabole. Moanamisa mafoko wa BoBA, Kenny Maragana, o boleletse Naledi fa go itumedisa go bona lekgotla la gagwe le tsweletse ka go tsenya batshameki mo dikgaisanong tsa mothale o. A re setlhopha sa bone se ne se ipaakantse sentle ka ikatiso le go tsenelela dikgaisano ka go farologana mo gae le kwa ntle jaaka ya Zone IV  kwa lefatsheng la Aferika Borwa.

Le fa batshameki ba sa kgona go gapa kgaisano, kgotsa le seetsele sa gauta, ba motlotlo thata ka batshameki ba bone ka bangwe ba bone ba kgonne go kwadisa maina a bone le la lefatshe la Botswana mo dibukeng tsa mafatshe tsa mabole ka go gapa dietsele tsa selefera le boronse. A  bua gore fa kgaisano e tshwana le e ba tswang mo go yone e, le fa go le botlhokwa thata go gapa dietsele, tota boammaaruri e a bo e le go bona gore batshameki ba siame go le kae go mekamekana le balekane ba bone go tswa kwa mafatsheng a sele.

Ka kgaisano e e ne e le nngwe ya tse di thata, Maragana o gatelela thata gore batshameki botlhe ba dirile sentle go utlwala, ka le bone ba ba fentseng ba ne ba supa bokgoni le talente ya bone kgatlhanong le ba ba neng ba lwa le bone. O tsweletse a bolela gore mo motshamekong wa mabole selo se se botlhokwa thata ke gore ramabole kgotsa mmamabole a kgatlhe go mo leba fa a lwa le yo mongwe, ka fa a dirile jalo tatlhegelo e ka se mo kgobe marapo ka gope.

Maragana a re ba ne ba dirisa kgaisano e go tswelela ka ipaakanyo ya bone go ya go tsenelela kgaisano e tona ya Aferika kgwedi e e tlang, e e tla a tshwarelwang kwa Brazaville, Congo. A re e e batla boramabole le bommamabole ba ba moko o thata ka e kopanya dinaledi tsa mabole tsa khontinente ya Aferika.

Batshameki ba ba letseng ba goroga ba, Maragana o bolela fa e le bone ba tla a lebang kwa Congo beke e e tlang go ya go emela lefatshe la Botswana. Mme o ne a gatelela thata gore ka ba itshupile bosheng mo mosakong, e le ba BoBA ba na le tshepho le tsholofelo e tona mo go bone. Fela, a gakolola gore ga ba na go ba baya mo kgatelelong epe, bogolo jang ka ba tla a tsamaya le bokatisi jo bo duleng diatla go thusana le bone.

Selefera e gapilwe ke Zibani Chikanda(75kg), boronse wa bonwa ke Tefo Rammupudu (49kg), Thabang Motsewabeng (81kg) le Kagiso Bagwasi wa (64kg). Maragana a re ke maduo a mantle a a ileng a dira gore lefatshe la Botswana le fitlhelwa mo go a marataro a a kwa godimo mo kgaisanong eo.