Blogs

Go wela

Go lebega Naledi yone e dumela gore thotse le thapo ke selo se le sengwefela, kana gore di a tshwana, ka ke eo e ntse e bitsa thapo e re thotse. Laboraro yo o fetileng re kopane nayo e bua ka moretologa, mme ya  bitsa thapo ya moretologa thotse, e seng thapo jaaka go tshwanetse. Le gale, a re name re tlogetse eo ya thapo le thotse, mongwe o tlaa re re e beye molatsa, re lebe ka ntlha e nngwe.

E tlaa re go fetela pele, re bue ka manatetshapuo a a dirisang lefoko ‘go wela.’ Lediri le lefoko le le tswang mo go lone ke ‘wa.’ 

Thanodi ya Setswana e tlhalosa go wa e re ke go ya fa tlase ga sengwe e se ka maikaelelo. Fela jaaka re itse, sengwe se ka tswaphoga motho a se tshwere mme sa wa, kgotsa ene motho a wa a ne a sa solofela.

Go twe motho yoo, o ole, bangwe ba re o wele. Potso e bo e ka botsa gore mme motho yoo, o wetse fa kae. Karabo e arabe ka fa e arabang ka teng. Gongwe go twe o wetse fa fatshe, o wetse mo isong, kgotsa golo gongwe fela. Mme one manatetshapuo a lefoko ‘go wela,’ ke afe?

Motswana o a tle a re motho o wela tsela, a raya gore motho o a tsamaya; a raya gore motho yoo, o ya golo gongwe. Go ka twe, e rile a sena go utlwalela fa go tlaa tshwarwa phuthego kwa ga Kobokwe, Mmualebe a wela tsela go ya go itheeletsa. Fa go twe Mmualebe o ne a wela tsela, go rewa gore o ne a tsamaya, a ya phuthegong.

Go wela tsela gape go ka raya go kopana le tsela golo gongwe. Go a tle go direge gore nako nngwe, motho a ye golo gongwe mme a sa itse tsela e e yang teng sentle.

E re a ntse a tsamaya, a botse bangwe go mo kaela tsela. A re tseye sekai re re, Neo o batla go etela Naledi.

Mme ka o tsere lobaka lo lo leele a sa ye koo, o setse a lebetse tsela e e yang ga Naledi. Fa a ntse a tla a tsamaya, o bona lelwapa lengwe ke leo, o tsena ka lone go botsa tsela. Yo o mo kaelang tsela o mo raya a re,’Tsamaya le one mmila o.  Kwa pele kwa go na le setlhare se se tona sa mogotlho. Fa tlase ga setlhare se, go na le seolo. Fa o tsena gone foo, o tlaa wela tsela  e tswa ka fa lebogong le le jang. Tsela eo ke yone e yang ga Naledi.’

Fa go twe Neo o tlaa wela tsela, go rewa gore o tlaa kopana nayo fa go sone setlhare se se neng se kaiwa sele. O tsamaya jaaka a kaetswe a bo a ya go wela tsela, e bo e mo tsaya, e ya go mo gorosa kwa ga Naledi.

A jaanong re re di tsogile di bolotse tsa ga Rra Morwadi tsa palama thota ya motlhabana go ya go hula. Fa le tlhatloga, di fologa koo, di leba kwa mogobeng di ya go wela. Ke tseo re bona di tsena mo mogobeng, di bo di boa di tswa di leba gape kwa thotaneng. Fa dikgomo di dira jaana, Setswana sa re di dira eng? Setswana sa re di a wela, di bo di tlhatloga. Ka Setswana fa go twe dikgomo di ya go wela, go raya gore di ya go nwa, e seng go tammela mo metsing jaaka  bangwe ba ka akanya. Fa di sena go nwa, jaanong di boa di ya go hula, ampo go ya go goroga, go twe di a tlhatloga; di ne di wetse, jaanong di a tlhatloga.

E ntse e le Motswana, e a re a natefisa puo a re go na le go wela maupong. E le sekai, a re re go tlhotse go le moletlo wa lenyalo kwa Goora  Thetele.

Ka meletlo ya Setswana e tsaya letsatsi lotlhe, fa le phirima, bangwe bone ke gone ba tsenang koo, e le fa ba ile moletlong. Mme kana moletlo ke dijo. Fa ba tsena ba fitlhela go se na sepe. Dipoto di thulame, ditshekega di thulame, go loile pina fela. Ga go na thothi ya go kolobetsa magalapa le fa e le thathana ya dijo go bewa  fa seatleng.

Fa seemo se ntse jaana, motho a ne a solofetse sengwe, mme a fitlhela go se na sepe, ke gone Setswana se tlaa reng motho yoo, o wetse maupong.  Motho gape o ka wela maupong fa e re a ile go kopa thuso golo gongwe, a bo a fitlhela yo a neng a solofetse gore o ka mo thusa, a se na sepe se a ka thusang ka sone. Go nne go twe motho o wetse maupong. Tlhola sentle, o se wele maupong gope. motshwanes@yahoo.com