Blogs

Ditlhare ga di na thotse

Ga se felele fa. Ga twe se fetela gape kwa Malawi, Tanzania le Kenya le kwa go mangwe mafatshe a a moseja ga mawatle.

Le fa gone e kete se namile le lefatshe jaana, setlhare se se bolelwa se fitlhelwa mo mafatsheng a pula e e boutsana e bile a omeletse. Re itse gore Botswana ke lengwe la mafatshe a.

Mowana ke setlhare se se ntseng jang? Re itse fa ditlhare tsotlhe di na le medi, thito, dikala le matlhare mme nako nngwe di nne le dithunya le maungo.

Mme fela jaaka batho le dilo tse dingwe, ditlhare di farologane ka go gola ga tsone. Ditlhare dingwe di ditelele, tse dingwe di dikhutshwane. Tse dingwe di ditshesane, fa tse dingwe tsone di le dikima.

Mowana one o farologana le ditlhare tse dingwe ka o moleele e bile o mokima thata. Ke sengwe sa ditlhare tse di hakgamatsang e bile di kgatlha ka go gola ga tsone.

Ga twe go ya kwa godimo, setlhare se, se gola boleele jwa dikgato (dimethara) di le masome mabedi le botlhano fa ka bokima gone se tshwara dikgato tse di lesome le bone.  Fela jaaka ditlhare tsa rona tse dintsi; mariga mowana o tlhotlhorega matlhare, o sale o le mosetlha, mme o boe o tlhoge gape mariga a se na go feta.

E kile ya re nako nngwe ra bua gore, re ka tshwatshanya leungo la setlhare le mmele wa phologolo nngwe fela jaaka kgomo.

Re ne ra re, phologolo e na le letlalo ka kwa ntle ga mmele wa yone. Ka fa teng ga letlalo le, go na le nama e e leng yone e jewang. Ra tswelela ra re, mo gare ga nama e, go na le marapo a le one a nang le moko mo teng.

Re ne ra re maungo a ditlhare le dimela tse dingwe le one a ntse fela jalo.

Leungo lengwe le lengwe le ntse fela jalo. Le na le letlalo le bangwe ba le bitsang lekape, bangwe ba re letlape.

Mo teng ga lekape le, go na le nama e le yone e jewang. Ka fa teng ga nama e, go na le peo. Peo e, e bidiwa ka maina a a farologanyeng go ya ka gore a re bua ka setlhare kana ka semela sengwe se sele.

Fela jaaka ditlhare tse dingwe, ga twe mowana le one o na le maungo a a jewang. Re itse gore, jaaka merogo le dijo tse dingwe, maungo a ditlhare ga a jelwe monate fela.

Maungo a, a jelwa gore a na le dikotla tse di thusang go aga mmele le go o sireletsa mo malwetseng. Maungo a mowana le one a bolelwa a ntse fela jalo; a na le dikotla tse di agang mmele e bile di o thibela go tsenwa ke malwetse.

Kwa ntle ga go jewa e le leungo fela, ga twe leungo la mowana le ka dirisiwa gape ka ditsela tse di farologanyeng.

Ga twe o ka tlhakanngwa le metsi kgotsa mashi mme wa nowa.

Mo go raya gore o ka nowa fela jaaka go nowa  motlopi. Re a tle re bone motlopi o fetlhwa ka metsi o bo o nowa fa bangwe ba re le tee/kofi o kgona go e dira.

Gape ga twe mowana o ka dirisiwa jaaka sebidiso se go a tleng go bidisiwe ting kgotsa borotho ka sone.

Ga twe sone sebidiso se, se ka dirisiwa go natefisa dijo dingwe. Matlhare a mowana one a bolelwa fa a ka jewa e le morogo. Mme gape ga twe a ka silwa mme a dirisiwa go natefisa dijo fa mahura one a ka dirisiwa go apaya.

Ka fa go ntseng ka teng, mowana ga o a golela lefela; o na le ditiro tse dintsi tse dintle mo botshelong jwa motho.

Fa e ntse e tsweletse e bua ka mosola wa mowana, Naledi (Naledi 29 Phukwi 2015) ya re; ‘Mahura a dithotse tsa Mowana le one a mosola fela thata ka a kgona go dirisiwa go apaya.’

A o tla dumalana le Naledi gore mowana o na le dithotse?  A mowana ga se setlhare? A mme setlhare se na le dithotse?

E rile maloba Naledi e bua ka morula ya re le one o na le thotse.

Re ne ra gana ra re, ka ke setlhare, morula ga o na thotse. Mmualebe o sa ntse a gana a re, fela jaaka ditlhare tse dingwe, mowana ga o na thotse.

Thotse ke ya dimela tsa ‘sika loo legapu, lerotse, lephutshe le tse dingwe fela jalo. Ditlhare tsone ga di na thotse, di na le thapo/dithapo.

Fa ngwana a ka betwa ke morula, jaaka go a tle go direge, ga twe o betilwe ke  thapo ya morula, e seng thotse ya morula. Re ntse ra re, ditlhare ga di na thotse, di na le thapo/dithapo.

motshwanes@yahoo.com