Naledi

Molf o tuka magalapa

Robert Molefabangwe
 
Robert Molefabangwe

A ke maikutlo a ga Robert Molefabangwe.

Molf, jaaka bontsi jwa batho ba tlwaetse go mmitsa, o ntshitse maikutlo a gagwe beke e e fetileng mo potsolotsong le Naledi. Molefabangwe o boletse fa go ya lejwa ga gagwe kwa BDP go ile bokhutlong mme jaanong a boela gae kwa phathing Puophaa (BNF), e a reng ke gone kwa a ikagileng le go simolola polotiki teng.

Fa a botswa gore ke eng a tlogela Domkraga, Molefabangwe o boletse fa a ise a ko a bone kagiso fa a sale a nna leloko la BDP. A re maiteko a gagwe a go batla go tlhomamisa boloko jwa gagwe, a ne a itaya sefololetse, ka a ne a seka a bo supegediwa mo sebalamakgolong sa boloko jwa phathi eo. “Kgang e ke e lemogile ka nako ya ipapaletso ditlhopho tsa 2014. Mme ga ke ise ke ko ke bone dikarabo ka seo. Ke dumela gore ga ke leloko la BDP le fa ke iphatlha ka karata ya bone”, Molf a rialo. Molf a  re kgang e nngwe e e mo kgobileng marapo ke ya lefatshe. A re o tshwentswe thata ke ka fa bangwe ba phathi ya BDP ba ikgagapelelang lefatshe ka teng a bolela fa tumelo ya gagwe mo sepolotiking ele gore, lefatshe ke la Batswana mme ga go a tshwanela gore ba le amogwe, mme le neelwe Batswakwa. “Ke tla swela le go bolaya fa go tla mo go amogweng ga Batswana lefatshe”, Molf a bua jalo ka kgalefo. Molefabangwe o tsweletse a supa ka monwana bangwe ba babegadikgang ba a reng ba na le go ipopela kgomo ya mmopa fa ba kwala dikgang, a re mokgwa wa go dira jalo ga o a siama. Mme a ba kgothatsa go tlhomamisa boammaaruri le maikutlo a gagwe mabapi le ka fa a neng a supa maikaelelo a go simolola kgwebo ya go dira ditlhako.

Molefhabangwe a re ga se fela ba kganetso ya maloba, ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Rre Moupo, ba ba neng ba mo tsosetsa dithole. A re mme le gone kwa goora-Domkgraga o ne a seka a amogelesega, a bolela fa bangwe ba ne ba sa supe dipelo tsa bone fa a amogelwa.  “Bontsi jwa maloko a ga Domi ba ne ba tsweletse ka go nteba ka moriti wa leitlho,” ga bua jalo Molefabangwe.

E re go ntse jalo, Molefabangwe o boleletse Naledi fa tshwetso ya gagwe ya go inaakanya le BDP e ne ya gwetlhwa ke go bua mo phuthegong ya bobegadikgang ke Rre Moupo, gore o  kobilwe mo phathing ya BNF. “Ga ke aka ka  iphitlha ka metshikhiri jaaka gongwe batho bangwe ba ne ba nkakanyetsa. Ke ne ka seka ka sokola go tsaya tshwetso ya gore ke tla tswelela kele moforanta kana nnyaa!” Molf a tlhalosa jalo. A re o ne a lemoga gore fa ele gore o ka tswelela ele leloko la nngwe ya diphathi tsa kganetso o ka iphitlhela a sa orisanye molelo le baba ba gagwe bogolosegolo ba komitikgolo ya nako eo ya BNF.

“Fa ke kobiwa ke Rre Moupo le komiti ya gagwe ke ne ke sena maikaelelo ape a go tlogela BNF. Ke ka moo ke itumeletseng fela thata gore ke boela kwa tota ke goletseng teng. Go gorogeng game, ke tla eletsa go thusa thata go aga serorumo sa Mokgele wa tirisano mmogo ya makgotla a BMD, BNF le BPP,” a tlhalosa jalo Molefabangwe.

Mabapi le dikgang tse di mo mebileng tsa gore o ne a patikiwa ke madi go iphitlhela a inaakantse le Domi, mme ka jalo go le thata go tlola koi gape, Molefabangwe o boleletse Naledi gore, “Ke ne ka tswelela ka botshelo mme ka itlhophela go nna leloko la BDP. Mme kana kgang e nngwe ke gore batho ba ne ba re ke rekilwe. Ga go a nna jalo ka gore nkabo ke se fa ke leng teng gompieno. Bona ka fa ke itshokoletseng ka teng. A go supa go re rekilwe?  A wena fa o bona nkabo ke tshela jaaka ke tshela gompieno?   Molf a re bangwe ba ne ba sokasoka melomo ka maikaelelo a go gwetlha lekalana le a adimileng madi teng a go dira madirelo go roka ditlhako. “Go ntse jalo, madirelo a me ampore a tswalwa. Ke batlile go wa rra.  Mme ga gona ope yo o kileng a re tsaya o simolole kgwebo mme fa o retelelwa re tlaa go thusa,” Molf a tlhalosa jalo.

A re o sale a ikopetse madi go tswa kwa CEDA ka 2008 ngwaga fela pele ga a tsaya tshwetso ya go nna leloko la BDP. “Ke ntse ke tsweletse ka kgwebo yame mme kana makgwere ga a kitla a fela mo kgwebong nngwe le nngwe. Mme rra, a batho ba tlhaloganye gore ke sale ke ikopela dithuso ke le moforanta,” a rialo.  Molefabangwe a re batho ba ba reng batho ba a rekwa ga ba itse sepe. Mme a re fa e ne ele mongwe wa bone dirilweng jalo go ka bo go supagetse ka ditiro tse dintsi.

Mabapi le bokamoso jwa gagwe jwa sepolotiki, Molf a re mae ga a ke a balwa a ise a thujwe. Mme fela a re o santse a ka nna le seabe se se bonalang mo sepolotiking sa kganetso.

 “Ke lepotiki la popota mme ope a seka a leka go nnyatsa ka gore ke santse ke tlaa itshupa seboaboane,” Molf a rialo. O ne a bolela fa a sena keletso epe ya go emela kgaolo epe ya botlhophi mo Gaborone, ntle fela fa ele go re ke pitso le thomo ya bogogi jwa diphathi tsa Mokgele wa UDC.