Naledi

GCC e tla ithola tlhokomelo ya mebaraka

 

Se se senogile beke e e fetileng mo mokwalong wa phetolo e e dirilweng ke lekalana la kanamiso mafoko la Khansele ya Gaborone, mabapi le dikgang tse di amang marekisetso a dijo a a kwa Broadhurst le kwa maemelong a dikhombi le ditaxi.

Go ya ka phetolo e, Khansele ya re e tla rolela mohama o o ikemetseng ka nosi tiro eo. Fela, go santse go sa tlhatswege sentle gore, a khansele e dira jalo ka e imelwa ke morwalo kana e lebile mabaka afe fela.

Fela go ya ka pego ee kwadilweng ke moanamisamafoko wa khansele, Mme Seeletso Lekgaba, ba khansele ba lekola marekisetso a dijo a Gaborone gangwe le gape. A re fa ba fitlhelang dikago di senyegile, ba baakanya seemo.

E re le fa go ntse jalo, karabo ya ga Lekgaba e fapaana le maikutlo a barekisi bangwe ba marekisetso a kwa mmolong wa BBS le go bapa le mmolo wa Rail Park. Barekisi bao ba ne ba bolela fa ba khansele ba sa ba tlhole morago ga sebaka se se kgotsofatsang. Ba ne ba supegetsa Naledi dikago tse di makgasa tse go lebegang di sa bolo go nna jalo bogologolo.

Fela khansele le yone, e supa bone barekisi ka monwana. Lekgaba a re go ya ka ditumalano le barekisi ba marekisetso a, ga ba a tshwanela go apeela mo go one, mme ba ka rekisetsa dijo tse di apeilweng gosele teng. A re ba lekile ka bojotlhe go ruta barekisi ka kgang e, mme ga gona tokafalo epe. A re se se felela se kaba mesele ya kgopho ya metsi aa leswe.

E re ntswa Naledi e sa itse ditumalano magareng ga khansele le barekisi ba, gone e ka supa gore ka nako ya fa e etetse mafelo a marekisetso a, go dira potsolotso le go lekola seemo, e fitlhetse kwa BBS le go bapa le Rail Park, bangwe ba barekisi ba apeile. Gongwe ke sone se batho ba setseng ba tlwaetse go ba bitsa ‘bommaseapei”.