Naledi

Mugabe o kolota moswi Moshibidu terekere

Kgosi Puso Gaborone wa Batlokwa yo gape eleng Monnasetilo wa Ntlo ya Dikgosi a kgothatsa le go rotloetsa Kgoshi Moapare IV ka tiro ya bogosi.
 
Kgosi Puso Gaborone wa Batlokwa yo gape eleng Monnasetilo wa Ntlo ya Dikgosi a kgothatsa le go rotloetsa Kgoshi Moapare IV ka tiro ya bogosi.

Se mme gase se tautona wa Zimbabwe, Robert Mugabe, a dumelang mo go sone. Ke sone se erileng ka Mosupologo kwa bokopanong jwa ditautona le mebuso ya lekgotla la mafatshe a kgaolo ya Borwa jwa Aferika (SADC) a bolela fa (Zimbabwe) a kolota moswi kgosikgolo ya Batlokwa Moshibidu Gaborone tshukudu ya temo kgotsa terekere.

Fa a palama serala go rola mafoko a bodulasetilo jwa lekgotla le la SADC, tautona Mugabe yo e neng e le modulasetilo ka nako eo, o ne a bua thata ka fa lekgotla la SADC le simolotseng ka teng, a bolela fa tautona wa pele wa lefatshe la Botswana, Sir Seretse Khama, a ne a nna le seabe se se botlhokwa thata mo go eteleleng lekgotla leo.

A re selo se se neng sa dira gore mafatshe a Zimbabwe le  Botswana a nne le botsalano jo bo kwa godimo fela thata ke tirisanyo mmogo ya boleng jo bo kwa godimo. A re bagolo le babusi ba mafatshe a le bone ba ne ba kgona go laletsana le gone go etelana go supa fa ka boammaaruri mafatshe a a bapile ebile a dirisanya sentle, go tloga fela ka bagolo ba puso le one magosi tota. Fa a bua ka one magosi a, Mugabe o ne a bolela gore kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Moshibidu Gaborone o kile a mo etela kwa Harare, Zimbabwe, kwa a reng ba ne ba ja monate thata ka go ja dikgang tse di monate tsa segolo, le gone go neelana maele mo go tsone tse di amang boeteledipele. Pele a ikgata motlhala go boela gae, Mugabe o ne a bolelela bamoreetsi fa Kgosikgolo Moshibidu a ne a mmolelela fa a na le sekgethenyana sa lefatshe kwa Tlokweng. Mme a na le maikaelelo a go lema, mme a kgatlhegela go palama tshukudu ya temo kgotsa terekere. “O ne a nkopa go mo rekela terekere gore a tle a e palame a leme. Mme ke ne ka dumela fa ke tla a dira jalo. Ka maswabi jaanong ke bua jaana a setse a tlokafetse,” ga bua jalo Mugabe.

O ne a bolela gore tumalanno e ne ya nna gore Kgosikgolo Moshibidu o tla a neelwa madi a a tshwarang dikete tse masome matlhano a didolara tsa Zimbabwe($Z50,000.00) ka nako eo, a re mme ga a itse gore a a kile a duelwa. O ne a tlhalosa gore o tla a tlhola le go tlhomamisa gore a madi ao a ne a ntshiwa go neelwa Kgosikgolo Moshibidu.  Mme e le gore fa a ise a ntshiwe a tla a tshwanelwa ke go ntshiwa go reka terekere ya Messey Ferguson e moswi a neng a e batla, mme a neelwe balelwapa la gagwe. A re selo se ke sekoloto mo go Moshibidu, ele seo go leng botlhokwa gore a (Mugabe, Zimbabwe) a se duele.

Mafoko a a ga tautona Mugabe, a ne a iteelwa legofi le megolokwane ke batsenabokopano jo, gareng ga bone gona le mothusatautona wa lefatshe la Botswana, Mokgweetsi Masisi, matona a puso, mapalamente, bagolwane ba puso le ene ngwana wa ga Kgosikgolo Moshibidu, kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso Gaborone. Ene o ne a rumaruma fela ka diatla tsa gagwe di baba go ipaakanyetsa go kgweetsa terekere go tswa Zimbabwe.