Naledi

Batshu o akgola makgotla a a ikemetseng

Batshu o buile se bosheng jaaka a ne a bula semmuso phuthego ya bolesome le bongwe ya SADC ya makgotla a a ikemetseng ka nosi (11th Civil Society Forum – Southern African Council of NGOs), e e neng e tshwaretswe kwa ntlong-lehalahala ya Kereke ya Roma, kwa Ave Maria. Batshu a re seabe sa makgotla a, mo go nneng le seabe mo go thuseng mebuso go tlhabolola batho, ke sesupo sa mowa o montle o o nang le mokgwa wa neelano.

A re go botlhokwa thata gore makgotla a a ikemetseng ka nosi a tshwaraganele ditlhabololo le mebuso ya one. O ba rotloeditse gape gore go tiisiwe ditsela tse ka tsone go ka ngokwang baabi ba dithuso le makgotla a bobelotlhomogi, go thusa mo ditlhabolong.

“Bokgoni jwa lona mo go ngokeng dithuso bo tshwanetse jwa akgolwa fela thata mme e bile go dira jalo go itshupile ka ditiro le mananeo a bobelotlhomogi le tlhabololo matshelo a batho”, Batshu a akgola jalo.

 Batshu a re go re tsotlhe di atlege le gore makgotla a bo a kgonne tse a di kgonneng, ke ka go nna teng ga tirisanyo mmogo le mowa wa neelano, gammogo le go amogana maikarabelo a ditiro tsa di farologaneng tsa banaleseabe mabapi le maikaelelo a ditlhabololo.

“Ke sone se lefatshe la Botswana e rileng ka 2012 la bona gole botlhokwa go simolodisa lekgotla le le itebagantseng le merero ya makgotla a a ikemetseng ka nosi (NGO Council). Dingwe tsa ditiro tsa lekgotla le ke go gakolola puso mo dikgannyeng tse di amang makgotla a a ikemetseng ka nosi”, Batshu a tlhalosa jalo.

 Batshu o tsweletse a re tshenyetso setshaba e tsweletse go jesetse mafatshe mo kgobedung go akaretsa mafatshe a eleng a borwa jwa Aferika, a SADC. “Re tshwanetse ra tshwaraganela tshenyetso setshaba rele makgotla a a ikemetseng ka nosi le mebuso mme gape, ke lebogela seabe se baeteledipele ba mafatshe a Aferika ba se dirang, ka go itoma melomo ya tlase go lwantsha mmaba o”, Batshu a rialo.

Fa a itebaganya le banana, Batshu o supile fa dipalo tsa banana ba ba sa berekeng e ile magoletsa mo mafatsheng a Aferika, bogolosegolo a SADC, a bolela fa seemo se se tshwenya.

A re go botlhokwa gore mebuso le banaleseabe ba bangwe ba thulanye ditlhogo ka go tla ka methale ya go rarabolola bothata jo.

Batshu o tsweletse gape ka go bolela fa mokgwa wa go utswa batho go ba isa kwa mafatsheng a mangwe ele o o setlhogo mme a kopa makgotla a a ikemetseng ka nosi go thusa mebuso go lwantsha mokgwa o.

A re le fa dikgato tsa go lwantsha mokgwa o, go dirwe jalo go netefadiwa gore ga go kganelwe batho ba mafatshe a Aferika go etelana.