Naledi

Tshutshuu�Kgosikgolo o feela botlhoko jang banna!

Kgosi Lotlamoreng a itumeletswe ke balatedi ba UDC morago ga go tswapetsa Molale le Maruping
 
Kgosi Lotlamoreng a itumeletswe ke balatedi ba UDC morago ga go tswapetsa Molale le Maruping

Mabaka a bone e le gore ba tlotla kgosikgolo ya bone. Mme se jaanong se ipoeleditse kwa kgaolong ya botlhophi ya Goodhope/Mabule kwa morafe wa Morolong le one o ganeditseng Domkraga le Khama ka go tlhopha kgosikgolo ya bone. Mme ebile ene a leditse moretlwa o o botlhoko thata mo go bontlhopheng ba bangwe ebong Eric Molale wa BDP le Comfort Maruping wa Mogobagoba (BCP), ba bo ba kua ba re tshuu, eishii Kgosikgolo e feela botlhoko jang banna!  Morago ga go laela ga mopalamente wa pele wa kgaolo e, James Mathokgwane wa Sekhukhu (UDC) dikgwedi di le pedi tse di fetileng, go ne ga utlwala fa phathi ya Domkraga e ne e dumela gore morago ga go sa dira sentle ka moemedi wa yone Kitso Mokaila ngwaga e e fetileng, se jaanong ke sebaka sa go busetsa kgaolo e mo diatleng tsa beng ba yone.

Domi e ne e dumela gore fa ba romile Eric Molale go ema, ga gona jaaka ba ka tlhoka go fenya kgaolo e, ba mmolelela ka fa e leng mmantswitswidi wa ditiro ka go farologana ka teng, ebile le tsone dithuto tsa gagwe le maemo mo tshabeng ya Batswana ba di bolela thata. Le fa ba utlwa gore diphathi tsa Sekhukhu di thiba phatlha ya ga Mathokgwane ka monga mmu, mong wa morafe Kgosikgolo Lotlaamoreng Montshioa II, Domi ba tswelela ba bolela fa ba ya go gapa kgaolo e bonolo. Go ne ga thunya lerole beke e e fetileng jaaka Domi e ne e tsere gotlhe go kampa kwa kgaolong e ya botlhophi. Ba ne ba pentile gongwe le gongwe ka mebala ya phathi ya bone, eleng bosweu le bohibidu, bogogi jwa phathi le jone bo le koo. Dipuo go buiwa tsa gore kgaolo e ke ya Domi, mathata e ne ya nna gore maDomi ba ne ba dira phoso ngwaga e e fetileng ka nako ya ditlhopho, mabaka gotwe e ne e le gobo go ne go na le makgamu a a lwang botlhoko.

Moeteledipele wa phathi, kgosikgolo ya Bangwato, tautona wa lefatshe la Botswana, Lt General Seretse Khama Ian Khama a bolela gore kgaolo e ke ya Domi, mme a tshepha gore batlhophi ba tla a e busetsa mo diatleng tsa yone. A kopa gore phoso e e dirilweng ngogola e baakanngwe ka go tlhopha Molale go mo roma kwa palamenteng.

Bagolo ba phathi ba bolela gore Domi ke yone fela e e tlhwaafetseng ka e romile motho yo o maitemogelo mo pusong, a le botlhale, a nonofile go ka rongwa le go emela batlhophi le Batswana ka kakaretso. Mongwe wa bagolo bao e ne ele Michael Tshipinare yo o neng a re ka Barolong ba opela ‘tlotlang Kgosi e kgolo’, ba tshwanetse ba tlhopha Molale ka ba tla a bo ba tlotlile kgosikgolo ka go mmusetsa kwa kgotleng.

Tsotlhe tse fa di sa kgopisa Barolong le batlhophi, ga gona ope yo o di tsereng tsia, ka e rile ka Matlhatso batlhophi ba diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha, ba boa ba diragatsa thato ya bone, ba bua ka tlhopho gore ba tlotla kgosikgolo ya bone eseng ope gape.

Fa maduo a ditlhopho a tswa ke fa kgosikgolo ya Morolong, ntlhopheng wa Sekhukhu( UDC) Kgosikgolo Lotlaamoreng Montshioa II ke fa a leditse moretlwa, go feela bontlhopheng Eric Molale le Comfort Maruping botlhoko gore ba mo neele tlotla, sebaka le tshwanelo ya go leba kwa palamenteng go emela morafe wa gagwe.