Naledi

Makhura o batla go gakolola Khama

George Makhura
 
George Makhura

Mo potsolotsong le Naledi, Makhura o tlhalositse fa a tshwenngwa ke ka fa goromente wa BDP o sa buseng lefatshe sentle ka teng. Makhura yo a reng ke moporofiti wa sepolotiki, a re o nnile le pitso go tswa kwa legodimong mme a bontshiwa gore mo dingwageng tse lesome goya go tse lesome le botlhano tse di tlang lefatshe leno le tlabo le le mo mathateng fa goromente yoo busang a ka seka a fetola ka fa a dirang dilo ka teng.

Makhura, yo a leng mo setlheng sa gagwe sa ntlha mo khanseleng, o supile goromente ka monwana a re o dumela thata mo go buseng  ka go dirisa mothale oo sologelang molemo bahumi fela, mme o seegela kwa thoko ba ba kobodikhutshwane.

“Goromente wa ga Domkrag o dumela thata mo go thuseng bahumi go thokomologiwa bahumanegi. Batho ba thuswa go lebilwe gore ke bomang, bontsi jo bo nang le dikitso bo mo mekgwatheng,” a rialo Makhura.

O ne a tswelela a tlhalosa gore mogopolo o, o dira gore bahumi ba humele kwa pele mme bahumanegi ba humanegele kwa pele. A re batho ka bontsi  ba ba tsenang mo phathing ee busang, ba tsenela go tokafatsa matshelo a bone fela.

Monna yo wa kwa Molalatau o ne gape a kgala mananeo a ga goromente a re gaa sologele Batswana molemo. A re gona le gore mananeo a tokafatse matshelo a batho, a ba okeletsa tshotlego. A re seo se nyenyefatsa dikakanyo tsa bao ba matshelo a a kwa tlase.

Le fa go ntse jalo, Makhura are gaa jeswe diwelang ke batswakwa ba a reng ba tladitse mmaraka wa mono fa benggae bone ba sokolo ka go bona ditiro.

“Batswana ba seegetswe fa thoko mo ditirong le dithentara tse di kwa godimo. Bone ke ba dikgwebo tse di potlana fela, jaaka go beola meriri, go rekisa diunitsi le tse dingwe tsa letseno le le kwa tlase. Se se ngomolang pelo ke gore, dikompone tsa batswakwa di re gataka ka dinao,”a rialo Makhura. A re goromente o iketlile thata, are Batswana ba tshwanetse go fiwa letsogo le le fa godingwana gona le batswakwa fa go tla mo go abeng dithentara. Are batswakwa ba reka lefatshe le lentsi mono, selo se a reng se tlile go ama bana ba ba tswang kwa tlase.

“Batswana ba tshwanetse go fiwa letsogo le le fa go dingwana mo ditsatlholegong tse di humilweng ke lefatshe la bone. Dingwaga tse masome a mane le borobabongwe re ntse re busiwa ka go gatelelwa di dintsi thata. Sengwe se tshwanetse sa dirwa go fetola seemo se. Botswana o tshwana fela le mafatshe a mangwe pharologanyo fela ke gore babusi ba rona ga ba akanye sentle,” Makhura  a tlatsa.

Ka o ne mabaka ao, Makhura are tautona Khama o tshwanetse a kopa thuso mo matlhaleng jaaka ene le bagwebi ba bangwe ba ba nang le dikitso tsa go busa lefatshe.

 “Khama gaa tshwanela gore tsaya jaaka baba ba gagwe mme a lemoge gore le ko diphathing tsa kganetso gona le matlhale aa ka mo gakololang. O tshwanetse a kopa dikgakololo le mo baruting, dikgosi le bagolwane ba bangwe mo metseng. Ke mongwe wa batho bao ba ba ka gakololang tautona re beetse polotiki fa thoko. Fa sengwe se ka seka sa dirwa gompieno, seemo ga se kitla se boela mannong le fa goromente a ka fetoga,” a rialo Makhura.