Naledi

Ditlhopha di paletswe ke go ipapatsa

Baletedi ba kgwele ya dinao
 
Baletedi ba kgwele ya dinao

Le fa ditlhopha di tsere sebaka se se leele di ntse di ikhuditse, mmegadikgang wa Naledi  TEICHLER RANKOA  a re di paletswe ke go dirisa sebaka se go ipapaletsa barati le balatedi ba motshameko wa kgwele ya dinao, gammogo le maloko a masha tota.

Morago ga go tsenya madi a mantsi thata mo liking e kgolwane ya Botswana ke kompone ya be MOBILE (BTCL), ditlhopha di ne tsa simolola go ema ka dinao go lwa ka gotlhe go gwetlha le go fenya liki e ngwaga le ngwaga. Go ne ga itumedisa thata go bona ditlhopha tse ditona tsa Botswana, Gaborone United, Township Rollers le Mochudi Centre Chiefs di tlhomamisa gore di kwala maina a tsone mo koping ya be MOBILE le gone go gapa sedikadike sa dipula go tswa be MOBILE.

Diphenyo tse tsa bosimega tsa diliki ga ditlhopha tse ka go farologana le go latelana ga dingwaga go ne ga thusa thata go ngokela barati le balatedi mo ditlhopheng tse ka dipalo tse di nametsang.

Se sa dira gore mabala a metshameko a bone dipalo tse di botoka thata fa ditlhopha tse di kopana mo motshamekong wa liki.

Dipego tsa bosheng go tswa kwa komiting e e tlhokometseng liki e kgolwane e, di ne tsa bolela fa ditlhopha tsa Rollers, Chiefs, GU le Extension Gunners di dira madi a mantsi thata kwa dikgorong tsa mabala.

Le fa go ntse jalo, Naledi e santse e dumela gore bontsi jwa barati le balatedi ba motshameko wa kgwele ya dinao, kgotsa ditlhopha ka go farologana ga tsone, ga se maloko a setlhopha sepe, ka tota ba sa ikwadisetsa boloko jwa tsone.

 Eleng seo, e reng fa ditlhopha tse di nna le bokopano jo bo rileng go letlelelwe dipalonyana fela tse di sa itumediseng, tse gantsi di dirwang ke barati le balatedi ba tota e leng maloko a boammaaruri ka ba na le karata ya boloko jwa ditlhopha tse.

Gantsi fa diliki tse ditona kwa mafatsheng a sele, go simolola fela kwa Aferika Borwa di fela, ditlhopha bogolo jang tse ditona, jaaka Orlando Pirates, Kaizer Chiefs, Mamelodi Sundowns, Real Madrid, Barcelona, Liverpool, Manchester United, Chelsea di tsena mo mekgwatlheng go latela barati le balatedi teng, gantsi tota maikaelelo e le go ipapatsa le go ngoka maloko a masha.

Ga motho a tsamaya mo mafelong a matona a ditoropo, go bonala mebala le dikhukhu tsa ditlhopha tse ka go farologana ga tsone, e e bonalang e santse e le kgakala, mme ebile go na le batho ba ba leng foo go tlhalosetsa le go ruta batho ka tsotlhe tse di amang ditlhopha tse.

Mo godimo ga se  e le yone nako ya go kwadisa barati le balatedi ba ditlhopha tse le gone go kwadisa maloko a masha, bogolo jang ba ba ntseng ba le kwa magaeng kwa ditlhopha tse di se nang bodiredi teng.

Ditlhopha tsa Botswana, bogolo jang tse ditona, Rollers, GU le Chiefs le tsone di santse di palelwa ke go rwala maikarabelo a go ya kwa balateding ba tsone, go ba ruta ka setlhopha le gone go kwadisa maloko a bone sentle go nna maloko a boammaaruri.

Bagolwane ba ditlhopha ga ba ise ba bone botlhokwa jwa go ipapatsa ka dikhukhu, ditante le mebala ya ditlhopha tse mo mebolong le mafelo otlhe a a kokoanyang batho letsatsi le letsatsi, mme se ke sone se dirang gore ditlhopha di bo di santse din a le kgwetlho e tona ya go ka ngoka balatedi.