Naledi

Boramabole, bommabole ba itlhokotsa sentle � Patlakwe

 

Se jaanong moeteledipele  wa lekgotla la Botswana sa mabole (BoBA) Thato Patlakwe a reng se a mo itumedisa ka se tlisa tsholofelo ya gore ba tla a romela setlhopha sa motiya kwa dikgaisanong.

Dikgaisanyo tse di  tla a tshwarelwa kwa  Brazaville, Congo kgwedi ya Lwetse, mme Patlakwe a re ba motlotlo thata go bo le bone ba romela setlhopha sa bone teng, kwa a reng dikgaisanyo tse ba di tshwarang ka go farologana tse di ba thusa thata go itlhokoletsa dintwa tse di mashetla.

Kgaisanyo ya boramabole le bommamabole ba lefatshe la Botswana le ba Lesotho e e neng e tshwerwe bosheng, Patlakwe a re ke nngwe ya tse di dirisiwang go ipaakanya, a gatelela gore batshameki le bone ba supa fa ba bona botlhokwa jwa tsone. Patlakwe a re lefatshe la Lesotho ke lengwe la a a setseng a gatetse pele mo motshamekong wa mabole, eleng seo a boneng fa kgaisanyo ya mabole ya bosheng e ba tswetse maduo a ba neng ba a solofetse. Patlakwe a re batshameki ba ne ba tsena mo mosakong ka tlhwaafalo, eseng fela go batla go fenya, mme eleng go leka ka bojotlhe go leka go ntsha gatshwene le go ikala go bona fa ba ka kgona go dira sentle kgatlhanong le batshameki ba Lesotho. O ne a tlhalosa fa a ne a itumela thata go bona batshameki ba Botswana ba supa kitso le talente yotlhe, ba tlatsa ka botegeniki jo ba ntseng ba bo rutwa ke bakatisi ba bone.

 Moanamisamafoko wa lekgotla la Botswana la mabole, Kenny Maragana, a re batshameki ba Botswana ba eme malalaalaotse go ka palama serala kgotsa go tsena mo mosakong go nkgisana magwafa le balekane ba bone ba mafatshe a sele.

Maragana a re, ka fa setlhopha sa Botswana se ntseng ka teng, batshameki ba mo seemong se se kwa godimo sa go siamela ntwa, eleng seo a dumelang gore ga ba ne ba ya kwa Congo, Brazaville fela go ya go tsena mo mosakong ba bo ba bowa.

A bua fa ba ya go tswelela ba letsa lebole ka bokgabane go utlwala kgatlhanong le batshameki ba mabole go tswa kgaolong yotlhe ya Aferika, ka go rialo a na le tsholofelo e e kwa godimo ya gore fologa ya lefatshe la Botswana e tla a phaphasela jaaka dinaledi tsa Botswana di gapa dintwa ka go farologana ga tsone.

Jaaka Batswana, bogolo jang ba eleng barati le balatedi ba motshameko wa mabole ba ntse ba ema batshameki ba Botswana nokeng mono gae, Maragana a re go botlhokwa thata gore ba tswelele ka go dira jalo le mo dikgaisanyong tse di tlang. A re se ke sone se dirang gore batshameki ba tsene mo mosakong ba tiile moko ka ba bona fa ba na le babogedi le tatedi e e ba emeng nokeng.