Naledi

Baporofiti ba supiwa ka monwana

 

Seabelo a re baruti kana baporofiti ba dikereke tse, bontsi ke batswakwa mme bare ba kgona go ntsha matimone ma bathong, go fa lesego  ga mmogo le go thusa mo go tlhatloseng batho maemo kwa ditirong. Seabelo a re o dumela gore tse tsotlhe ke maaka ebile ke go Batswana ntsoma.

Seabelo a re o tshwentswe thata ke kafa Batswana ba tsiediwang ka teng ke batho ba go kabong gotwe ruta batho lefoko la modimo. A rebatho ba lopiwa matshebetshebe a madi ke baruti ba mofuta o, ba ba solofetsa tsotlhe tse dintle. Mme ka moo, a supa fa baruti bao ba ikhumisa ka madi a Batswana.

Seabelo a re baruti ba ba dirisa leina la Morena Jesu mo go sa tshwanelang, ka are ba le dirisa go ikhumisa. A re baruti ba batshwanetse ba ikopa  maitshwarelo mo go Morena Jeso go santse gona le nako jaana.  O supile fa a sa itumedisiwe ke ka fa dikereke tsa fire di oketsegang letsatsi le letsatsi ka teng mo Botswana. “Ditletse maferefere ka e bile baabo ba ngalalane ntateng ya madi,” Seabelo a rialo.

Seabelo o boleletse fa le bogologolo gone go na le baruti ba eseng ba boammaaruri, a re baruti ba mofuta oo, ga ba direla modimo sentle, a re baabo ba rumilwe ke diabolo saatane.

Seabelo o boleletse Naledi fa a nnile le pitso go tswa kwa Modimong, a re o laetswe go tla go golola batlhanka ba modimo mo baruting ba maaka. A re baruti ba mofuta o ba ruta batho lefoko le eseng lone are ebile bangwe ba bone ba dirisa leina la Morena Jeso go rekisa metsi, mafura a thegofatso, matswai le tse dingwe. A re baruti ba ba rekisang dilo tseo, ke ba ba maaka ka go sena sepe se se tshwanetseng go rekisiwa mo ntlong ya modimo. O supile fa go sena gope mo baebeleng ee boitshepo fa go supiwang gore dilo tseo di tshwanetse tsa rekisiwa, ka jalo are go dira jalo ke ditiro tsa ga saatane.

“Le bogologolo baruti ba maaka bane ba le teng ebile ba ne ba lwa kgathanong le nnete ya morena Jeso,” a rialo Seabelo.

Seabelo o gakolotse  Batswana ba eleng baruti gonna baruti ba nnete ebile ba direla Morena Jeso. One are gagona mosola wa gore Batswana ba tshamekise madi a bone ka go ya kwa mafatsheng a mangwe jaaka bo Aferika Borwa, Zimbabwe le bo Nigeria, bare baya go rapela modimo, are modimo o gongwe le gongwe ka jalo lefa bale mo gae ba ka mo rapela.

One are se se tlhokafalang ke gore batho ba amogele modimo mo matshelong. A re go siame gore batho banne ba phuthagana ko metlaaganeng e e tshwanang le dikereke go rapela, mme a supa gape gore ga go re sepe le fa motho a ka ithapelela fela ka bogagagwe mo sephiring, a sa e ko moruting ope.

 

“Tsogang Batswana le emise go tika madi ka masogo le a neela maferefere a baruti. Rapelang lefoko la Modimo le dumele mo go ene, le lese go dumela mo bathong ba ba itirileng barongwa ba modimo mme ese bone,”a konela jalo Seabelo.