Naledi

Barui Morale-Bonwathotlhe ba phophothilwe magetla

Nyathi o buile se mo phuthegong ee neng e tshwaretswe kwa merakeng eo ka mafelo a beke. A re gore matshwenyego a bone a tle a reediwe sentle, ke gore ba bo ba ipopile setlhopha mme a ba akgolela kgato e ba setseng ba e tsere go dira jalo. One a supa fa go dira jalo go tla ba sologela molemo ka jaana lentswe la bone letla utlwala motlhofo bogolo jang fa le feta ka mokgatlho wa Botswana National Beef Producers Union. A re lephata la temothuo tota, le tsaya tsia mokgatlho wa bone.

Nyathi o boleletse batsena phuthego eo gore lephata la gagwe le tshwere ka thata go leka go fetola kafa temo-thuo e ntseng e tsamaisiwang ka teng mo lefatsheng leno, gammogo le go fetola megopolo ya batho ka temo-thuo, bogolojang go lepalepana le diphetogo tsa yone.

“Re lemogile gore gona le lefatshe le le ntsi mo gae le le sa dirisiweng ke ope ntswa lena le beng. Ka jalo, lephata la me le rotloetsa batho ba mafatshe ao gore batle kwa go rona go kopa dithuso,” Nyathi a lopa jalo.

A re Lephata la temothuo le tsweletse ka go ngoka bagwebi ba eleng gore bontsi ja bone ga ba itse gore gona le lefatshe le le ijang fela, mme le sena ba ba le dirisang.  “Gare rotloetse thekiso ya lefatshe mme lefatshe la gonna jalo leka hirisiwa ke bagwebi mme la tsenyetsa mong wa lone letseno le le botoka,” go tlhalosa Nyathi.

Nyathi o boletse gape fa lephata la gagwe le simolodisitse lenaneo la go dirisana le le bidiwang clusters ka sekgoa, a re maikaelelo a lone ke go rotloetsa go ntshana seinong mabapi le temothuo le tlhabololo ya yone. A re lenaneo le lena le mosola thata ka le ka thusa bagwebi go fitlhelela bareki ba ba kgakala, “Nyathi a tlhalosa jalo. O rotloeditse balemi-barui gore fa baleng teng ba dire gore ba ntshe dipoelo tse di botoka.  Mme gape, a supa gore lenaneo le le simolotse ka ngwaga wa 2014 morago ga gore ka ngwaga wa 2012 go bidiwe moitsaanape wa ditogamaano wa kwa sekolong sa dikgwebo sa Harvard, Michael Porter gotla go kanoka seemo sa itsholelo ya lefatshe leno.

Fa ba mo kgwa dikgaba balemi-barui, ba ne ba supa fa bale bete se molangwana ka mananeo a ga goromente, a gole gantsi a felelang a sa fitlhelela maduo a one, tota le go diragadiwa.

Molemi-morui, yo gape eleng mokwaledi wa lekgotla la balemi-barui kwa kgaolo e, rre Metlhaetsile Leepile, o ne a farologana le barui ba bangwe mme a tlhalosa fa a sa rate mokgwa wa ipelegeng wa gompieno.  A re ga go a tshwanelwa go bewa fela mo go goromente, mme are batho ba tshwanetse ba itshimololela mananeo a bone jaaka le le umakilweng. O ne a gakolola lephata la temothuo go ba ya mo batswakweng, a bolela fa barui ba lefatshe leno ba tshwanetse gonna ba kopiwa dikgakololo ka ba na le botsipa le megopolo e me ntle ya temo thuo.