Naledi

Ke mang yo o supileng Casino?

Diphathi tse ke ya Domkraga(BDP), Mogobagoba(BCP) le Sekhukhu(UDC) tse go solofetsweng fa tsotlhe di dumelang fa nngwe le nngwe e dumela fa e tla a leba ka setilo se kwa palamenteng, mmega-dikgang wa Naledi TEICHLER RANKOA a re go supiwa ga bontlhopheng go ka gopotsa motho motshameko wa dikarata wa Casino, e gantsi o fenngwang ka go kokoanya dintlha tse di fetang tsa batshameki ba bangwe gore o nne mofenyi.

A re motshameko o gantsi o na le karata e e ratwang bob eke batshameki eleng ya lesome ya teemane.  Ee bidiwang gotwe Casino, e e reng gantsi motshameki a e supa, ba a tshamekang nabo ba kgaoge pele, mme ba tshameke ba supile.

Ka motshameko wa dikarata wa Casino o fenngwa gantsi ka karata ya lesome ya teemane, batshameki botlhe fa di abiwa go simolola motshameko, motshameki mongwe le mongwe mo ditlhopheng o eletsa go nna le yone. Mme fa go fediwa go abiwa dikarata motshameki mongwe le mongwe yo o fitlhelang a sena yone, o ipotsa gore e ko go mang, a eletsa gore bogolo e nne mo go motshameki wa setlhopha sa gagwe ka e tla a ba thusa go fenya motshameko.

Ka jaanong diphathi ka boraro tse di mo lebelong la ntwa ya go gapa kgaolo ya Goodhope/Mabule, di roletse batlhophi bontlhopheng, potso e bontsi bo e ipotsang ke gore ka tota se e le ntwa e e matlho mahibidu, e ke efe phathi mo go tsone ka boraro e e supegeditseng tse dingwe fa karata ya lesome ya teemane?

Se se tsile jaana morago ga gore mopalamente wa pele wa kgaolo e, James Mathokgeane wa Sekhukhu a ithole thomo go taboga le majang a matalana, mme ka tota a ne a supile fa a le thata ka ngwaga ya ditlhopho tsa setshaba tse di fetileng ka go fenya bonttlhopheng ba diphathi tse dingwe, diphathi di ne tsa bona fa e le sone sebaka sa go romela bontlhopheng ba ba moko o o thata.

Kwa Domi, go ne ga utlwala megolokwane le melodi, fa e le gore Mathokgwane yo o ntseng a le thata jaanong o butse phatlha e ba ka e kabang, mme ba bona fa morongwa yo ba ka mo supegetsang batlhophi le sone Sekhukhu e le Eric Molale. Fa maikaelelo le tumelo ya nna gore ka a ntse a tshotse maemo a matona go feta mongwe le mongwe kwa Borologong ga go na jaaka a ka fenngwa mo ntweng e ya ditlhopho.

Se a setse a se supile mo ditlhophong tsa Domi tsa peoletlhokwa, tse di neng tsa tlala ka mathata le matshosetsi a go ya dikgotla-tshekelo, kwa bofelong Domi ya tsholetsa Molale go mo supegetsa batlhophi le diphathi tse dingwe.

Phathi e nngwe e le yone e leng mo lebelong la go gapa kgaolo e, key a Mogobagoba(BCP), e le yone e boneng fela gore ga go ope yo o tshwanang le Casino kgotsa karata ya lesome ya teemane go feta ntlhopheng wa yone Comfort Maruping.

Eleng seo ka mafelo a beke moeteledipele wa phathi Dumelang Saleshando le phathi  a neng a mo rola le go mo supegetsa batlhophi le diphathi tse dingwe, ebile ba bolela gore fa go na le motho yo o nang le boleng le tshwanelo ya go rongwa ke ene Maruping.

Ka Domi le Mogobagoba di ne di bone sebaka sa go tsaya kgaolo e ka Mathokgwane a e tlogetse, phathi ya Sekhukhu go lebega e ne ya bona gore e ntwa ga se ya basimane, ke sone se erileng ka mafelo a beke ya somola ntlhopheng Kgosikgolo ya Barolong, Kgosi Lotlamoreng Montshioa II go nna ene ntlhopheng wa bone.