Naledi

Eloyi e gopola ba ba dikobo dikhutshwane

 

Kabo dimpho e, e diragaletse kwa kgotlengkgolo ya Gantsi mme ke gone kwa Kgosi Botshelo Lekgothu a neng a di amogela. Kgosi Lekgothu o ne a akgola kereke ya Eloyi mme a bolela fa puso ka nosi e ka se kgone go tlhokomela batlhoki, ka le ka dipalo ba le bantsi mo lefatsheng leno. “Ke kopa go re dikereke tse dingwe le tsone di nne le seabe mo go tokafatseng matshelo a batho mo gae mme di ititeye ka thupana jaaka Eloyi,” Lekgothu a gakolola jalo.

Bishop Sekai Jacob yo e leng Moruti mogolo wa Eloyi, o ne a tlhalosa fa ngwaga le ngwaga, ba tlhopha lefelo lengwe le ba eletsang go le etela. A re go le ga ntsi, ba ikopanya le boeteledipele jwa lefelo leo go utlwa ka mathata a a amileng lefelo le ba le tlhophileng. “Re tshwanetse ra tshwenyega re le dikereke mme ra supa matshwenyego a rona ka go tsenya letsogo mo go thuseng bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelo,” Bishop Jacob a rialo.

O tsweletse ka go gwetlha Batswana go nna le mowa wa bopelotlhomogi a re go dira jalo go ka aga tshaba e e lorato e bile e na le seriti.  A re kereke ya Eloyi e dumela gore bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya ntsi.

E ntse e le gone kwa Ghanzi, Bishop Jacob o ne a kopana le barutwana ba sekole se segolo Gantsi, kwa a ileng a ba bontsha bo diphatsa ja go inaakanya le nnotagi, a re e borai mo go bone fa ba sale ba banana.  O boletse fa go itontela bojalwa, go ka ba tsofatsa ba sale banana.

“Nnotagi ga mmogo le go goga motsoko, go tsofatsa motho ka pono ya leitlho. Ke le kopa gore le ikgaphe mo go tsone,” Bishop Jacob a lopa banana jalo.