Naledi

Go lwantsha tlhakolemolomo go lopa P20million- Ralotsia

Tshedimoso e e dirilwe ke Tona kwa lephateng la temothuo, Patrick Ralotsia, jaaka a ne a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa motseng oo. Ralotsia o ne begela batsenaphuthego fa go tlhomamisitswe gore bolwetse jo bo tlhagogile kwa lengweng la mafelo a kgaolo ya bokone bophirima, gaufi le Hainaveld.

“Lefelo le, e ne ele lone le puso le monaleseabe wa yone eleng BMC, e neng ya tsaya tshwetso ya gore, dikgomo tsa teng e nne tsone tse di ka rekisetswang matlhabelo a BMC kwa Francistown. Jaanong se ke poelo morago, ntateng ya bolwetse jo,” Ralotsia rialo. A re maiteko a go fedisa tlhako-le-molomo kwa kgaolong e, a lebega a retela ka jaana gangwe le gape bolwetse bo nna bo tlhagoga.

“Ke malatsi a a sa feteng masome a mabedi ke le fano go tla go bua le lona ka go tswalwa ga matlhabelo a Maun, le gore ka jalo re tlaa letla gore go dirisiwe matlhabelo a a kwa Francistown. Jaanong go a hakgamatsa gore mo nakong e, ke bo ke le hano go bua ka go tlhagoga ga tlhako-le-molomo mo kgaolong ya lona,” Ralotsia a bua jalo, a lebega a tshwenyegile.

O tsweletse ka gore, baitsaanape ba matlhoko a leruo ba kgonne go tlhatlhoba dikgomo dile 251, mo kgaolong ya Hainaveld, mme are palo e e a tshwenya. “Baeng bangwe ba ne ba etela kgaolo ya Hainaveld mme ba feta ba inaakanya le benggae mme go lebega baeng ba ba ne ba tshwanyegile, go lateleng ditlhotlhomiso tsa rona,” Ralotsia a itsese morafe ka fa bolwetse jo bo tlhagogileng ka teng.

Ralotsia o tsweletse a re gona le dipelaelo tsa gore batho bangwe ba rotloetsa go anama ga bolwetse jo, mme a re mokgwa o, o swabisa nko fela that a ka jaana madi a mantsi a puso e a dirisang a wela mo motlhobodikeng.

“Go ngomola pelo gore puso e bo e dira maiteko a a kanakana mme gona le batho ba ba sa lemogeng se. Potso ke gore a dikgomo tse jaanong di gaisa batho ka tlhaloganyo? Ke eng e re di tshwanetse go isiwa kwa matlhabelong a Francistown go bo go fitlhelwa di na le bolwetse ka nako e khutshwane? Ralotsia a botsa jalo batsena-phuthego, ba le bone ba neng ba lebega ba gamaregile.

E rile ba tswa labone, bangwe ba banni ba Sehithwa ba kgala ba sa kgwe mathe tiragalo ya go nna jaana, ba bolela fa puso e senyegelwa ele ruri, ka jaana e tshela metsi mo nkgwaneng e e dutlang.

“Gona le dikgomo gape tse di senang bo mmaatso le lone lesaka tota. Bolwetse bo tla tswelela bo anama ka jalo go tshwanetse ga tsewa dikgato tse di maleba, gongwe gape puso e tshwanetse ya akanya gore dikgomo tsa go nna jaana di ka bolawa,” monni mongwe a akgela.

Banni ba Sehithwa ba ne ba tswelela ka go bolela fa gona le mapodisi mangwe a a pataganetseng go dira ditiro tsa borukhutlhi le bangwe batho, ka go kwadisa dikgomo tsa ditshipi tse disha kwa kgotleng. 

Ba re tse e leng tsa baeng mo kgaolong ya bone, ba a di itse mme mapodisi mangwe a tsweletse ka go rotloetsa borukhutlhi ja go nna jaana. Ba kopile puso go tseela mapodisi a dikgato tse di gagametseng.