Naledi

Ditlhopha di ikana ka tintibane!

 

Go ikanelana kgaboeledi ga ditlhopa tseo go diregile mo bekeng e e fetileng, fa legakabe la dikgang, Naledi, e ne e etetse koo ka mabaka a go lekola gore go tsamaya tsamaya jang mo mererong ya kgwele ya dinao ya bomme kwa Boteti.

Ka nnete Naledi e ne ya fitlhela batshameki ba ditlhopha tsoo pedi ba le malala a laotswe jaaka taola ya sejaro, ba tlhalosa fa ba itomile dipounama tsa tlase gore phenyo e wele ntlheng ya bone. Seo ruri ba se tlhomamisitse ka go dirisa mafoko a batlapele a a reng dipoo ga nke di tlhakanela lesaka.

Go ya ka mafoko a bone mo potsolosong le Naledi, batshameki ba ditlhopha tsoo pedi ba re ruri mo ngwageng ono dikgaga di tla remana ka matlape ka go se setlhopha sepe se se batlang go fetoga phokoje wa morago. Ba re ka letsatsi la makgaola kgang a kgaisano e, a tlaabo e le mo go tweng goosha logong go sala molora.

Kgaisano e ke mmamoratwa kwa kgaolong eo, ka e thusa ditlhopha tsa koo go itlhokotsa gammogo le go betla bokgoni jwa batshameki. Ga twe gantsi e rotloediwa ka madi ke kompone e kgolo ya kepo ya diteemane e leng DEBSWANA, mme e rile mo ngwageng o o fetileng ya nna yone e e rotloetsang ka mausausa a madi a a fetang dikete tse di lesome tsa dipula.

Go bolelwa jalo gore mo ngwageng o o fetileng setlhopha sa Orapa All Stars, se ne sa fetoga bafenyi morago ga go garaswanya sa Tawana Top Girls ka dinno tse tharo go tse pedi morago ga dithago tse dikhutshwane.

Ka jalo, gatwe bommampodi ba akola go ngobota jaaka tshwene e tona fa bomatlhogojane bone ba nna ba obile ditlhogo mahutsaneng a go jewa botlhoko.

Le fa go ntse jalo, gompieno ditlhopha tsoo pedi di gana nnyaa wa banyana, sengwe le sengwe sa re phenyo ke ya sone ka batshameki ba bolela fa ba ikatisitse phetelela.

Mokatisi wa Orapa All Stars, Rre Oarabile Lelebanye, a re batshameki ba gagwe ba ipaakantse sentle mo mebeleng le mo ditlhaloganyong go ka tswelela ba tshegeditse botshimega jwa Mother Of All. Ka fa lotlhakoreng lo longwe mokatisi wa Tawana Top Girls, Tumelo Lefatshe, a re ba tsile go swapola botshimega motlhofo ka e bile setlhopha sa Orapa All Stars e ne e le santlha se ikutlwisa go nna ditshimega tsa thonamente eo; ba tsile go se kgopakgopetsa gore se bo se lemoge gore Modimo wa kgwele ya dinao o se timile masego.

E re dikgang di eme jalo, monnasetilo wa komiti ya BFA kwa Boteti, Phillimon ‘’Filafila’’ Bunu, a re go ipoka ga ditlhopha ga se molato, fela bone ba tlaa bona kwa mmu wa sekara o tla welang teng, a tlatsa ka go leboga DEBSWANA  a bo a gwetlha dikompone tse dingwe go thusa go godisa metshameko.