Blogs

Motswana ga a rialo

Ka fa go begwang ka teng, ya nna tiro e e jesang leitlho monate thata.

Pego e supa fa tiro e e ne e tshwerwe kgwedi e e fetileng kwa motseng wa Letlhakane mo kgaolong ya Boteti.

Moono e ne e le gore batho ba tle go supa tse ba kgonang go di itirela ka diatla e le tsela nngwe ya go itshetsa.

Mme e se go itshupa fela. E le gore gape batho ba, ba ipapatse, ba bo ba bapatse dilwana tsa bone mo go ba ba ka di ratang ba bo ba kgatlhegela go di reka.

Kana fa o le modiri, o na le botlhale jwa go dira sengwe, o ka itsiwe jang fa o sa tswele kwa ntle wa bonwa, wa ba wa itsiwe gore o teng. Gore o itsege, le tiro ya gago e itsiwe, ke gore o itshupe o bo o supe le tse o di dirang.

Fa o sa dire jalo, ga go na go itsiwe gore o teng. E, e bolelwa e le yone tiro e e neng ya dirwa kwa Boteti e ne e rulagantswe ke Lephata la Metshameko, Banana le Ngwao.

Mme ga bo go le mang gone kwa tirong e?

Ga twe, kwa ntle ga ba ba neng ba tsile go supa tse ba di dirang, le ba ba neng ba tsile go bona bontle joo, go ne go le mogolwane mongwe go tswa kwa Lephateng la Ngwao.

Mme kana mogolo ga a ke a ya tirong ya morafe a akga diatla fela kana a iphotlhere.

O a tle a tle ka lengwe lefoko go le naya ba a tsileng kwa go bone kgotsa a latlhele lengwe ka tiro e a e tsileng. Ga twe Rre Makoba o ne a re le fa e le la ntlha tiro e e dirwa, ga go ke go felele foo.

A re, e tlaa tswelela e dirwa le mo nakong e e tlang e le go leka go tiisa ba ba e dirang moko. 

A boa a itumelela ka fa ba ba neng ba tsile go supa ba leng tlhaga ka teng le gore, bontsi jwa dilo tse di neng di supiwa, di ne di dirilwe ka dilo tse di bapalwang mo nageng.

Re dumela gore fa Rre Makoba o ne a bua ka dilo di tshwana le dinkgwana, tse di bopiwang ka letsopa, le ditlatlana, tse tsone di logiwang ka bojang/lotlhaka le dithupa tsa maretlwa.

Tse ke dilo tsa naga tse di sa lopeng ape madi go bonwa fa e se fela mosepele wa go ya go di batla kwa nageng.

Letsatsi le ya se ka ya nna la batho ba ba itekanetseng fela. Go begwa fa le ba na le bogole le bone ba ne ba le teng, le bone go tla go supa jwa bone botswerere. Se le sone ya nna selo se se itumedisang.

Godimo ga moo, ka matlho dialana ga a je sa ga ope, ba bangwe ba tlela go tla go bona tse di supiwang.

Ga twe bontsi mo go bone ba kgatlhwa ke dilwana tseo mme ba felela ba di rekile ka go farologana ga tsone, go ya ka fa ba di ratileng ka teng.

Mafoko a kgothatso le one a nna teng. Go bolelwa fa mongwe wa ba ba neng ba tsile go supa, ene e le yo o bopang dinkgwana, a ne a ntsha mogopolo wa gore ba bope lekgotlana le ka lone ba ka bapaptsang ba bo ba rekisa dilwana tsa bone. Ya nna mogopolo o montle. Motswana a re wa e esi ga o ele.

Batho ba dira tiro e le nngwe, ba tshwanetse go utlwana, ba goga mmogo mme ke gone tema e ka bonalang; ke gone ba ka kgonang go tswelela pele.

Polelo e ya tiro ya Letlhakane, e begwa ke Naledi (Naledi Phukwi 15 2015) ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Ba Boteti ba ipela ka tiro ya diatla.’ Temana ya ntlha ya polelo e ya re;

E re ka mogologolo a re mmapatsi phokwana o tsamaya a e ntshitse, e rile bosheng badiri ba ditiro tsa diatla…..ba bo ba kokoanetse kwa motseng wa Letlhakane ka mabaka a go ipapatsa mo bareking ba motse oo.’

Ke eo Naledi. A o utlwa sentle gore ya reng? Ya re ga twe o tsamaya a e ntshitse. A gone mme Motswana o bua jalo?

Motswana ga a rialo. Seane sa nnete ga se na lefoko ‘e.’ Seane sa re mmapatsi phokwana o tsamaya a ntshitse.

Gore o ntshitse eng, ga re itse. Mme fa re re o tsamaya a e ntshitse, jaaka Naledi e bua, foo re faposa seane se, e bile re ka bodiwa dipotso tse re tlaa thatafalelwang ke go di araba. A re se ikgolege.

motshwanes@yahoo.com