Naledi

Go jela mang fa?

 

Leswe la marekisetso a, le go dumedisa fela o tsena ka legora la one. Monko ke oo kgaolang nko tshika ya go dupelela. E seng one fela, tsena gape kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba go bapa le otele ya Gaborone. Seemo se tshwana fela. Baapei ba ba direlang kwa lefelong le, ba re ba setse ba itlhobogile. Ba re ba lekodisa khansele ka seemo se gangwe le gape mme ga go kgato epe ee tsewang, mme ebile ba re tota ga gona se ba ka se itirang ka matshelo a bone a ikaegile ka go rekisa dijonyana kwa mafelong a.

Mme Keaboletse Tshetshe, ene a direla kwa marekisetsong aa bapileng le BBS, a re tshotlo e ba khansele ba e dirang mo go bone ke ee ngomolang pelo. O boleletse Naledi gore go sebaka ba khansele ba etetse lefelo la bone go tlhola seemo. O boletse fa leswe le le mo marekisetsong ao le le borai mo botsogong jwa bone le jwa baji-bareki.

Mangwe a matshwenyego ke bogodu jo bommaseapei ba lelang ka jone. Rre Paul Mahupela, yo o direlang fa lefelong le le gaufi le marekisetso a mmolo wa BBS, a re magodu a tshela ka go ba tseela didirisiwa tsa bone. Mahupela a re magotswana ao a dirisa sebaka sa gore dikago tse ba direlang le go baya didirisiwa tsa bone mo tsone di makgasa.

Tshepiso Maleme ene a re le fa ba ka tshwaya khansele phoso e le barekisi, le bone ba tshwanetse go ipetsa ka thupana. A re le ntswa khansele e sa arabe dingongorego tsa bone, fela tirisanyo mmogo magareng ga bone ele barekisi ga se ee kgotsofatsang.

Maleme wa dingwaga tse di fa gare, a re le fa bangwe ba bone ba leka go phepafatsa lefelo le ba direlang mo go lone, bangwe ga ba na kgatlhego. O tswelela ka gore, se se felela se baka dikgotlhang magareng ga bone ka bangwe ba tsaya kgakololo ya gore ba thuse go phepafatsa e le kgokgontsho. Dikgang tse di ne tsa itelwa kobomoroko ke mongwe wa barekisi kwa marekisetsong a dijo aa kwa dipalamong tsa setshaba, go bapa le mabenkele a Rail Park. Mme mongwe yo a neng a seka a batla go ipolela ka poifo ya gore bagolwane ba gagwe ba ka seke ba itumelele tse a neng a di kgaogana le Naledi, a re bagolwane ba bone ga ba ba tshware sentle e le babereki.

O ne a tswelela ka gore le fa ba na le dikgakololo kana dingongorego, go thata go ka di ntsha ka bagolwane ba sa ba reetse. A re le tsone dingongorego go ka nna thata gore di goroge kwa khanseleng fa seemo se ntse jalo.  E ntse ele kwa marekisetsong a bapileng le Rail Park, Mme Godiramang Phakela, a re thulaganyo ya kgopho ya metsi aa leswe kwa lefelong la bone, ga e itumedise. A re mahuti a metsi  aa leswe a tshwanetseng go feta fa go one a tletse. A re se se dira gore metsi a tlaletlale gongwe le gongwe. Phakela a re matlwana a boitiketso le one a kgona go fetisa letsatsi lotlhe a sa bereke, ka gobo a sena metsi. A re o ipotsa gore ke mang yo go solofelwang gore a berekele mo seemong se se ntseng jalo.