Naledi

Monna o sikere podi ya bogodu

Monna yo o tshwerwe ka merwalo ya podi ya bogodu
 
Monna yo o tshwerwe ka merwalo ya podi ya bogodu

Fa magodu a mangwe a utswa, a gatelela le go bolaya dikgomo le dihutshane pele ba ka inaya naga.  Monna mongwe kwa Molepolole mo kgaolong ya Kweneng ene o lesa beng ba bolaya ba bo ba kaletsa podi go tshologa madi pele a ka tsena mo tirong ya gagwe go utswa.

TEICHLER RANKOA  o a bega! Mo go nngwe ya ditiragala tse di sa tlwaelesegang mo bogodung jwa leruo, monna mongwe kwa Molepolole o iphitlhela a fetoga mogaka ka go simolodisa mohuta o mosha wa bogodu jwa leruo, eleng wa go menola podi yotlhe e sena go bolawa le go buiwa ke beng go nna seshabo sa malatsinya.

Monna yo, o ne a se gaufi le balelwapa fa ba bolaya podi ya bone.

Mme ka gotwe phologolo e nkga thata e ise e bolawe, monko wa yone o ne o gasame le motse otlhe.  Erile fela beng ba podi ba sena go e bolaya ba bo ba e ntsha mowa ka serobe pele ga ba ipaakanyetsa go shaba ka nama malatsi a a tlang, a dira mo gotweng maloba ke maabane.

Monna yo, a seka a ipona tsapa, le fa e le go tlhabiwa ke ditlhong ka go tla fela ka mokgwa o dintsa di tsileng ka one, wa go bitswa ke monko wa moswang di le kgakala. Ya re go gorogeng a itse fa monko wa moswang mo lwapeng  o bolela fa seruiwa sengwe se tlhotse se kgaogantswe le botshelo.

Mme ene a seka a nnela go fata moswang, go epolola mengopo, a tsholetsa nko go dupa gore motlhala wa podi o feletse fa kae, mme ke gone a simolola wa nama go fitlha a goroga kwa e beilweng teng.

Gareng ga lefifi, a hophola nama, a e tshwara pele ga e tlhaba ka magetla go tswa ka kgoro go se yo o mmonang a tsamaya.

Podi yone a e rwele yotlhe a sa tlogelela beng ba yone le fa e le lebogonyana fela go ikgomotsa. Moeka a dumela gore fa ba jele serobe ke moka ba jele podi yotlhe. Fa beng ba tsoga ba tshoga thata ka go fitlhela nama ya podi e medile maoto.

Ba leba kwa lesakeng go e tlhola gore a tota ga e a boela kwa lesakeng.

O waii ya bo e seyo. Ngwana wa lelwapa a tloga tsaya motlhala wa setlhako sa rifi.

A o sala morago go fitlha kwa o feletseng teng.  Wa re o a itswaketsa, a o tlhoma matlho go fitlha a goroga kwa o neng o ya teng.