Naledi

Bommaseapei ba supa khansele ka monwana

Ba re go reka kwa marekisetsong a ke go tsibogela selelo sa go ema nokeng dikgwebo tse dipotlana tsa benggae. Fela, bare seemo se jaanong se ba kgoba marapo.

Leswe la marekisetso a ka dinako tse dingwe le gwetlha Mme Poloko Mosekantwa go ya go reka kwa mabenkeleng a matona gaufi le banka Botswana Building Society (BBS) jaaka a Payless le Spar. A re ka dinako tse dingwe seemo sa marekisetso a dijo a bagwebi ba ba botlana a, se bifela pele mo se ka tshabisang motho le go baya lenao teng.

Mosekantwa a re mo makgethong a mangwe barekisi ba lefelo leo ba ba rekisetsa dijo tse di senyegileng. A re se se baya botsogo le matshelo a bone mo diphatseng.

O tswelela ka gore bana ba sekolo le bone ba thusa go kgotlhela lefelo leo ka boitshwaro ja bone jo bo sa kgatlheng. A re fa gongwe batho fa ba tla go reka dijo ba kgatlhantshiwa ke dikhondomo tse di dirisitsweng fela fa pele ga ditafole tse go rekisetswang dijo.

Mosekantwa a re fa batsadi ba tsaya gore bana ba ile sekolong bone ba tla mo lefelong le go dirisa diphaposi tse di sa dirisiweng go robalana. O ne a supegetsa Naledi dingwe tsa diphaposi tse di senyegileng mabati e bile di onetse.

E ntse ele kwa marekisetsong a dijo go bapa le BBS, Phillip Mapete o tlatsa ka gore fa barekisi ba ba kwa lefelong leo ba sa kgatlhegele go le phepafatsa, khansele e ba kobe mme e tsenye ba bangwe. A re khansele le yone e tshwanetse ya tlhwaafalela le go gagamaletsa barekisi bao molao ka go ba tseela dikgato tse di gagametseng.

A re khansele e tshwanetse ya tlhola le go tlhatlhoba lefelo leo kgapetsakgapetsa. Kwa marekisetsong a dijo go bapa le Rail Park, Kgarebe Monnaesi ene a re mafelo a tshwana le a, ga a na go tlhoka go nna le bothata jo fa khansele e sa tlhwaafalele go a tlhatlhoba ka metlha yotlhe go babalela botsogo jwa setshaba. Lekgarejwana le, le le reng leo ithutela tsa tikologo kwa nngwe ya dikolo tsa ithutelo-ditiro mono gae, la re jaaka mafelo a mabenkele a matona jaaka Rail Park le bo-Riverwalk a na le batlhokomedi(security), khansele e tshwanetse ya dira gore go nne jalo ka marekisetso a dijo a bagwebi ba babotlana.

Monnaesi a re gona le kgonagalo e tona ya gore batho ba bangwe ba ba tlatsang mafelo a leswe e bo ese bareki kana barekisi mme ele batho fela ba ba iphetelang kana go itapolosetsa kwa go one. O gateletse ntlha ya gore seemo se se ka tokafala fela fa khansele ya Gaborone e ka ema ka dinao go tlhokomela mafelo a jaaka dikhansele tsa mafatshe a mangwe di dira ka mafelo.  Maiteko a go itshwaraganya le moanamisa mafoko wa khansele a foloditse morago ga go mo romelela mokwalo wa dipotso, mabapi le kgang e,