Naledi

Dikgaisanyo tse ga di na mosola

Mme se go ne ga lebega o kare BFA ga e se tlhaloganye ka gore le fa go tswa Tlhowa ga ba ga ba ise ba ko ba dire jalo. Fela, gompieno go a itumedisa go bona jaanong kopo e e atlega.

Tlhowa kgang ya yone e tona le mabaka e ne e le gore ke eng fela se se dirang gore e re ditlhopha di fentse bosimega jwa liki, go bo gotwe di ye go lwa gape mo metshamekong e e thata ya go ipatlela phatlha mo liking e e fa godimo ya ntlha ya setshaba. Tlhowa e ne e bona gore se ke go rontsha ditlhopha tse tshwanelo ya tsone ya go tlhatlogela kwa godimo le ntswa go sa itlhalose sentle.

Bagolwane ba ditlhopha tse tsa diliki tsa dikgaolo ba ne ba lela le go ngongorega ka gore, ba imelwa thata ke tiriso ya madi a go tsena mo dikgaisanong tse tsa metshameko ya go tswa mang go sala mang, e gantsi e leng tsone di tshwanelwang ke go ntsha madi go tsena. Dikomiti tse di tsamaisang diliki tsa dikgaolo, tse ebile go senang kwa di tsayang madi teng, di ntsha madi fela a mannye a gotlhelele a sa lekanang go ka feleletsa metshameko e.

Ka ditlhopha di ne di itse gore fa di sena go fenya diliki kwa dikgaolong tsa tsone, di boa di ya go ngakalala go gwetlha bosimega jwa go tlhatlogela fa godimo, kwa go tletseng tsietso le bonweenwee go tswa mo batshwaradiphaleng. Dingwe tsa tsone di ne di kgobega marapo thata. Ditlhopha dingwe di tshwana le Mochudi Real Masters ke dingwe tse di ka tlhalosang botoka tsietso e e dirwang kwa metshamekong e ya go tswa mang go sala mang, ka se setse se tseneletse makgetho a feta ga botlhano, mme se ntse se tswa fela se paletswe ke go fetela pele. Ba kile ba bolelela Tlhowa fa bone ba sa palelwe ka gobo ba sa kgone go emelana le seemo le mashetla a ditlhopha tse dingwe, mme tota ba ntshiwa ke batshwaraphala ba ba sokamisang diphala go laola gore ba batla go palama dife.

Metshameko e gape tota go bua boammaaruri ke go lapisa batshameki fela ka gore mo ditlhopheng tse nne kgotsa go feta foo go tswa  kwa dikgaolong ka go farologana di lwa malatsi a le mabedi, mo metshamekong ya letsatsi lotlhe. Mme go swabise thata go bona fa phatlha e e leng teng yone e le ya ditlhopha di le pedi fela, fa tse dingwe di boela go tswelela le diliki tsa tsone tsa lerole. Selo se Tlhowa e ne e se kgala e sosobantse phatla ka se sena botoka bope fela.

Metshameko e gape ga e tlhabolole motshameko wa kgwele ya dinao ka gope, bogolo jang ka le bone bagolwane ba BFA, bagolwane ba ditlhopha tse ditona ba sa e tseye ka tlhwaafalo.  Gantsi o fitlhela ba seyo kwa go yone, fa e se bone fela ba ba tsamaisang diliki tsa dikgaolo. Potso e nne gore, fa e le gore ke yone e laolang gore go palama ditlhopha dife ke eng e tsewa jaaka okare ke metshameko ya Sontaga e go seng ope yo o kgathalang ka yone, fa e se bone matagwa a dibara tsa ditlhopha fela?

Tlhowa e solofela gore, tshutiso e ya bagolwane ba diliki tsa dikgaolo ya gore ditlhopha tsa bone tse di fenyang bosimega jwa diliki di fete fela ntle le go tshamekisiwa metshameko e e senang boleng e, e tla a atlega ntle le bothata bope fela. Le fa go ka twe go lekwa jang go bona gore go ka dirwa jang, tharabololo fela e e maleba ke go neela ditlhopha tse di fentseng diliki tshwanelo ya tsone ya go ja mofufutso wa phatla, eseng go nnela kgokgontsho le go senyediwa madi le nako ya go ikhutsa fa diliki di tsile bokhutlong.