Blogs

Ga nna fela jalo

Jaaka re bonye, selo se sa tsenya Batswana mowa wa gore, go itse go bua Sekgoa ke gone go rutega; ke bone botlhale. E re fa motho a ka itse Sekgoa, mme gone a se na bope botlhale jo bo kalo, go twe o botlhale ka o itse Sekgoa. Yo mongwe ene go twe ga a rutega mme o botlhale ka o itse Sekgoa.

Ka go dumela gore Sekgoa ke bone botlhale, bontsi bo felele bo  itse  go se bua, go se kwala, le go se bala, go feta jaaka bo ka bua, jwa bala, jwa ba jwa kwala Setswana. Neela bangwe sengwe se kwadilwe ka Setswana o re ba se bale. Ba tlaa go bolelela gore Setswana se thata e bile se a dikologa. Ba reye ba kwale sengwe ka Setswana. Mafoko a golagane mo o ka se ke o itse gore, tota go iwa kae, le gore go ne go kwalwa efe teme. E re o botsa gore ke eng go direga jaana, karabo e nne gore Setswana se thata.

Mmualebe a botse gore ke efe puo e e seng thata. A botse gore tse ba di buang, ba di kwala, go gaisa jaaka ba bua ba bo ba kwala Setswana, tsone ba di itsile jang. Karabo e nne e nne gore Setswana sone se thata. Mme fela nnete yone ke eng?

Boammaaruri ke gore, teme nngwe le nngwe, le dilo tse dintsi mo lefatsheng, di itsiwe ka go ithutwa. Kgang e nne gore, o tsaya matsapa a a kae go ithuta selo seo.

Fa ka tsela nngwe e le selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gago, o tseye matsapa, o leke ka natla go ithuta.

Mme se motho a bonang e se sa botlhokwa, a se itsapele, a se ke a tseye ape matsapa a a kalo go se ithuta. Ga nna fela jalo ka Setswana.

Ka bangwe ba bona e se puo epe ya botlhokwa, ba itsapela go se ithuta, gore ba se bue, ba se kwale, ba bo ba se bale sentle. A  re tseye sekai re re, reetsa bangwe ba bua Setswana, ba bala dikgang. Bona jaaka ba kwadile.

Ela tlhoko mafoko a a dirisitsweng le ka fa mangwe mafoko a bidiwang ka teng. O tlaa ipotsa gore a ga go bue Batswana, ba Setswana e leng teme ya bone, e ba ka bong ba e kwala, ba e bua ka tlhomamo.

Ka gone gore Sekgoa se ne sa tseelwa kwa godimo thata, bontsi jwa felela bo tlotla bo bo bo tlwaela go se bua go feta jaaka bo dira ka Setswana. E re le fa go buiwa le Batswana go buiwe Sekgoa, gone mme go ka bo go buiwa Setswana. Dikai dingwe ke tse.

Go a tle go tshwarwe meletlo go twe ke ya ngwao. Re solofele gore ka ke meletlo ya ngwao, e tlaa re go buiwa, go buiwe Setswana. Nnyaa, go se ke go nne jalo.

E re boemong jwa go bula tiro ka Setswana, yo o bulang, (sebui sa tlotla) a bue Sekgoa.

Potso e nne gore ka botlhe ba ba reeditseng ke Batswana, e bile ba utlwa Setswana, ke eng go buiwa Sekgoa. Karabo e nne thata; e nne gore, a ga se gone go supa botlhale le go rutega? Kgotsa ke gone gore Setswana se thata e bile se a dikologa? Re se ke re itse.

Go nne gape le diphuthego tsa nyeletso lehuma. Ba tle Batswana go tla go utlwa gore ba ka thusiwa jang go inamola lehuma. Tiro e nne e bulwe ka Sekgoa.

Go nne go hakgamatse gore ke eng go buiwa Sekgoa boemong jwa Setswana mme go buiwa le batho ba botlhe ba utlwang Setswana.

Godimo ga moo, re a tle re bone e re bana ba sale bannye ba bo ba rutiwa go bua Sekgoa. Ga re re go molato go ruta ngwana Sekgoa.

Go siame fela ke teme e re e dirisang, e re e buang. Fela se re se buang ke gore fa ngwana a ka itse mafoko a le mabedi, mararo, a Sekgoa, jaaka go dumedisa le go leboga, ngwana yoo o tlaa bolelwa botlhale thata; go nne go twe o botlhale o itse Sekgoa.

Go rata Sekgoa mo le bone botlhale bo bo bolelwang bole, di felele kae? Botlhale bo bo bolaye Setswana jaaka re setse re buile.

Batho bangwe ba tlwaele go bua Sekgoa mo e leng gore ga ba kgone go bua sepe ka Setswana, ba bo ba wetsa, ba ise ba tlatse ka Sekgoa. Tota e se gore ba a tlatsa.

E le gore Setswana se fedile motho a ntse a le mo tseleng jaanong o inamola ka Sekgoa. Bangwe e re motho a re o ipelafatsa gore ke Motswana a re, ‘Nna ke Motswana tota ka ke praode ka khalchara ya a ka e bile ke bua le lanngwege ya me.’

O re ke efe teme/puo fa go buiwa jaana wetsho?

 motshwanes@yahoo.com