Naledi

Motsoko o motona o baka kgotlhang

 

Go gagautlhana ka mafoko a a bogale a ngangisano ga ga Mmereki le Rabosotho wa Rabosotho Attorneys, go rotogile jaaka thakadu mo mosimeng fa pele ga ga Mmakaseterata Keneilwe Koobake, mo tshekong e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro (36), Kesiame Mogale, a neng a ntse disanyana ka ntlha ya go lebisiwa molato wa go fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang fa e le motokwane. Go ya ka fa tsheko e thailweng ka teng, mosekisiwa o ne a kgweetsa koloi ya puso ya lephata la diphologolo ya dinomoro tsa BX 10 6888 ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola masome a le mararo ka ngwaga wa 2013, mme gatwe e rile fa koloi eo e phuruphutswa fa kgorong ya ba lephata la matlhoko a leruo ya Mokobaxane, ga fitlhelwa setlhatshana se go belaesegang fa e le motokwane wa bokete jwa 1.5 grams.

Ka jalo, mosupi wa ntlha wa puso e leng Constable Matthews Chawilani, o ne a simolola go thathologa jaaka tlhale morutseng a ntsha bosupi jwa gagwe kgatlhanong  le mosekisiwa. Chawilani o boleletse lekgotla gore ka letsatsi leo la kgwedi ya Motsheganong e tlhola masome a mararo ka ngwaga wa 2013, o ne a le mo tiriping a theogeletse kwa kgorong ya Mokobaxane, a na le Constable Tumelo Mooketsa, fa koloi ya puso e e neng e kgweetswa ke mosekisiwa e goroga foo e lebile kwa Maun. A re o ne a e emisa mme a kopa mosekisiwa gore a tswele kwa ntle mme a felela a mo phuruphutsa mme a se ka a fitlhela sepe mo dikgwatlheng tsa gagwe; a boa a mo kopa go phuruphutsa koloi e a neng a e kgweetsa mme a fitlhela polasetekenyana e e neng e na le setlhatshana se go belaesegang fa e le motokwane. Mosupi yoo a re o ne a fetisetsa kgang eo kwa go Mooketsa go tsweledisa ditlhotlhomiso le go lebisa mosekisiwa molato. Kgang ya moruthutha e ne ya tlhagoga fa jaanong motsamaisa tsheko, Mmereki, a ne a botsa mosupi gore a o batla go ntsha motokwane oo e le bontlha bongwe jwa bosupi mo lekgotleng? Go ne ga nna fela jalo. Motsamaisa tsheko o ne a bula enfolopo e tshetlha ka mabaka a go ntsha polasetekenyana e go tweng e na le motokokwane mo teng gore e supegediwe lekgotla. Ya re go ntse jalo motokwane wa raya monna wa lepodisi o re ‘’O ne ompeile fa kae Inspector Mmereki?’’ Polasetekenyana eo fa e ntshiwa mo teng ga enfolopo e ne ya tswa e se na sepe mo go neng ga bakela motsamaisa tsheko wa Modimo go tshwarwa ke kgakge.Go lebega fa polasetekenyana eo e ne e sa phuthelwa sentle mme seo sa dira gore motokwane otlhe o tshologele mo enfolopong mme yone ya sala e se na sepe. Ka ntlha ya kgakgamalo, motsamaisa tsheko o ne a phadimoga a bo a iphitlhelaa a setse a tabola motokwane mo enfolopong a o tsenya ka diatla tsa gagwe mo polasetekenyaneng ya diphera. Ka bofefo jwa legadima mmueledi wa mosekisiwa, Rabosotho, o ne a ema mme a ganana le seo gotlhelele. O ne a kgomogela motsamaisa tsheko ka mafoko a a bogale, a kopa lekgotla gore le se ka la amogela bosupi joo. A re o batla motokwane o go tweng  o mo polasetekenyaneng, e seng o e leng gone o olelwang mo polasetekeng fa pele ga ga mmakaseterata. Seo se ne sa tsosa tlhakatlhakano le tsietsego mo lekgotleng. Banna ba ne ba thulana ka mafoko a ngangisano. Rabosotho o ne a kgwela motsamaisa tsheko botlhoko a re o palelwa ke tiro e bile o supa go tlhoka boikarabelo. O ne a gagamaditse setoropo a bua mafoko a a thata a molao, a itebagantse thata le ditemana tsa tsamaiso ya molao wa ditsheko tsa borukutlhi (Criminal Procedure and Evidence Act). Le fa go ntse jalo, motsamaisa tsheko, Mmereki le ene o ne a gana go swa senku. O ne a kgaratlha thata a tlhalosa mabaka a a nonofileng a a dirileng gore motokwane oo o felele o tshologetse mo enfolopong. lekgotla le ne la felela le sa amogele bosupi jwa mosupi wa ntlha mme fela kwa bokhutlong Mmakaterata Koobake, a bolelela mosekisiwa gore o lebaganwe ke molato o a tshwanetseng go o arabela ka tlhoafalo. Tsheko  e e tla tswelela ka Lwetse a tlhola lesome le borataro.