Naledi

Batshidi Moeti, setsweretshana sa mme sa poko

Naledi: Dumela mme wa mmoki, ipolele tshaba ya Naledi gore o mang.

Batshidi: Ke nna Batshidi Moeti. Ke nna mo kgotleng ya Sanyedi kwa old mall. Ke godiseditswe mo lelwapeng la lesika le le atologileng. Mme o bidiwa Itshepe Moeti. Ke nna maitobolo. Ke na le kgaitsadiake wa mosimane o bidiwa Archie le mosetsana ene ke Tshegofatso.

Naledi: Re tseele kgang ka poko ya gago.

Batshidi: Ke simolotse poko ka 2007, ke tsena kwa Tsodilo Junior. Ke motho yo ke ne ke rata drama le go kwala. Sengwato Rrampha, modulasetilo wa Botswana Association of theatre, o ne a nthotloetsa gore ke ka nna mmoki. Ka jalo ka simolola go boka ka mediro kwa sekolong. E rile ka ngwaga wa 2010 ke le kwa Maun Secondary School ka tsenelela dikgaisano tsa poko ya dikolo mme ka tswa mmantswitswidi, ka isa trophy kwa Maun secondary.

Naledi: Ke ditso tse dintle thata

Batshidi: E rile ka 2012 ka tsenelela dikgaisano tsa ga Tautona, ka ya makgaolakgannye kwa Gaborone, e le nna mme fela fa gare ga borre. Ka tswa ka maemo a bone.

Naledi: O berekile tota, a go ya dikgaisanong go ne ga go ungwela sengwe?

Naledi: Ka ngwaga wa 2015 ka tlhama mekgatlho ya poko mo Maun mo dikolong tse dipotlana, ke na le thotooetso e ntsi fela thata mo batsading. Ka 2015 ka tsenelela dikgaisano tsa ga Tautona ka ya makgaolakgannye ke emetse kgaolo ya North. Ka tsaya maemo a bobedi mo contemporary poetry.

Naledi: A mme o bona poko e na le mosola jaaka o ntse o e dira?

Batshidi: Poko e ntirela go le go ntsi ka e le yone e e ntshetsang. Ka poko ya me ke kgona go abela batlhoki. Ke eletsa gore mo ngwageng wa 2016 ke bo ke abela bana ba masiela di uniform go tshegetsa lengwe la matshego a setshaba le le reng re nne tshaba e e kutlwelo bothoko.

Naledi: Fa o ntse o dira poko jaana o lemoga makoa a poko?

Batshedi: Maitemogelo a me ke gore poko e a re palela fa re setse re tsena kwa dikolong tse dikgolwane. Jaanong ka Motswana a rile lore le ojwa le sale metsi ka tsaya boikarabelo jwa go e simolodisa kwa tlase.

Naledi: Go gontle thata, poko le ditiro tse tsa gago o rotloediwa ke bo mang?

Batshidi: Mo pokong ya me ke rotloediwa ke rre Lord Phuthego, rre Sethodi, le mogatisi wa me Pastor Dube wa studuo 7, kwa ke gatisang alebamo ya me teng. Ba nna ba mpha dikgakololo le gore ke ka godisa jang poko yame. Bonie Manuel le Kabelo Malefhu ke bangwe ba baboki ba nkgothatsang ebile re thusana go tlhama.

Naledi: Jaaka mmoki wa mme, a o bona le tsewa ka go lekana le borre?

Batshidi: Ee rra, re tsewa ka go lekana, ga go na pharologanyo. Bomme ba ne ba saletse kwa morago mme gompieno ba iteka fela thata.

Naledi: Go a itumedisa. O ka eletsa go thusiwa jang go gola mo pokong?

Batshidi: Keletso ya me ke gore goromente le dikompone tse di ikemetseng ka nosi di nthuse ke kgone go ya sekolong sa poko ke tle ke amuse bonnake lobebe la poko.