Naledi

Batlhanka ba tshosa mong

Eric Molale
 
Eric Molale

Kgosikgolo ya Morolong, Kgosi Letlaamoreng II, o eteletse maloko a diphathi tsa sekhukhu (UDC) go tsena mo ntweng e e botlhoko ebile e le thata ya ditlhopho tsa poelelo kgwedi e e tlang ya Phatwe kwa matlho ka bontsi a tla a bo a lebile teng go bona mofenyi. Ntwa e e matlho mahibidu e e tla ka modirelapuso wa bogologolo ebile a feletse ka maemo a a kwa godimo a bodirelapuso le tona ya lephata la bodirelapuso, Eric Molale wa BDP, yo le ene fela jaaka Letlaamoreng, a iponang a na le nonofo le mashetla a go rongwa kwa palamenteng ke batlhophi le baagi ba kgaolo e.

Ka fa go le lengwe letlhakore, go utlwala leina la monna yo mongwe yo o thata ya lentswe le besitswe, Comfort Maruping, yo ene a rweleng morwalo o o bokete wa barati le balatedi kgotsa maloko a phathi ya Mogobagoba(BCP) go lwela le go gwetlha bosimega jwa phathi e ya bone. Fela ka ntwa e e farologana le ya ngogola ka jaanong e na le kgosikgolo ya morafe, gape e na le ramaemogolo mo pusong, go solofetswe fa ipapatso ya yone e tla a nna ya maemo a a kwa godimo thata.

Lerole le tla a tsosa mokoduwe kwa mabaleng a sepolotiki fa diphathi le bontlhopheng ba tla a bo ba ipapaletsa batlhophi go ba roma kwa palamenteng. Fela, go tla a bo go reeditswe gore kgosikgolo yo ene e leng monnga morafe wa Morolong ka tsalo, o tla a bua jang fa a setse a lebagana le bamoreetsi. Se ga senka se nna bonolo ka jaanong go na le lefoko le le tlwaelesegileng la gore ‘Susu ilela Suswana gore Suswana a tle a go ilele.’

Bontlhopheng ba babedi ba diphathi tsa BDP le BCP ba tota ka tsalo le ditso tsa bone eleng bana ba ga kgosikgolo le bone ba tla a tshwanelwa ke go ya kwa mabaleng a ntwa ka mafoko a a tlhotlhilweng gore ba seka ba tloga ba iphitlhela ba ilwa le go tlhobogiwa ke morafe ka gotwe ba roga kgosikgolo. Se ke sone se se dirang gore ipapatso ya bontlhopheng botlhe ka boraro e elwe tlhoko go bona gore tota gatwe e ya go nna ya mofuta ofe, bogolo jang ka go supagetse fa Batswana e le tshaba e e tlotlang dikgosi, segolo bogolo dikgosikgolo.

Mo ipapaletsong ditlhopho tsa setshaba tse di fetileng, go ne ga batla go senyega kwa Maun, jaaka Domkraga e ne ya leba koo mme ya feta ya tsenelela kgosikgolo ya Batawana, Kgosi Tawana Moremi, yo e neng e le ntlhopheng wa Sekhukhu ka nako eo ka mafoko a a botlha. Mogolwane wa ipapatso wa nako eo, Alec Seametso, o ne a kgopisa thata Batawana ka mafoko a gagwe mo go kgosikgolo ya bone, go akaretsa le bone maDomi a mantle tota. Erile ba sena go emelela go tswa mo kgaolong e ya Maun, Batawana ba phuthaganela kwa kgotleng kgolo go ngongorega ka se ba neng ba re ke go tlhapadiwa ga kgosikgolo ya bone, ka go rialo ba re Seametso a sekisiwe ka fa molaong. Kgosikgolo Tawana a seka a supa ngongora mo go se. Fela, a felela a bone phenyo ka letsatsi la ditlhopho jaaka Batawana ba ne ba bona botlhokwa jwa go mo roma kwa palamenteng.

Se jaanong se dira gore ntwa ya kwa Goodhope/Mabule e tshwane le ya kwa Maun Botlhaba ka botho e tshwanetse ya nna jo bo ka se keng jwa kgopisa morafe le batlhophi. Eseng jalo bangwe ba ka tloga ba iphitlhela le go gata kwa kgaolong ba tshaba go dira jalo morago ga ditlhopho.