Naledi

Banana ba rotloediwa go ikemela ka dinao

Ngaka Ulrich
 
Ngaka Ulrich

Mafoko a a dule kwa moletlong  wa go tswala semmuso thuto-seka-dipuisano e neng ya tshwarelwa kwa Mmadikolo bosheng.Thuto-seka-dipuisano eo maikaelelo a yone e ne ele go rutuntsha banana ka dikgang tsa boeteledipele.

Mogolwane wa Friedrich Ebert Stifttung-Botswana Ngaka  Ulrich Golaszinski a re go maleba gore banana ba lefatshe leno ba seka ba emela mongwe go ba tlela ka ditlharabololo tsa mathata a bone. A re ba tshwanetse go nna majato mo go emeleng matshelo a bone ka dinao.

Golaszinski a re banana ba tswanetse ba dirisa kgololesego e renang mo lefatsheng leno go bereka ka thata go ipatela meamuso ya itshetso.

A tswelela ka gore ntswa lefatshe leno le ise le goroge fa le ka tswang le batla teng, go supega sentle gore go na le isago.

A supa gape gore lefatshe la Botswana le na le ditsala lefatshe ka bophara. A re seo ke sebaka sa gore banana ba  golagane le balekane ka bone  kwa mafatsheng a sele go thusana go tokafatsa matshelo a bone.

O tsweletse a tlhalosa gore banana ke bone ba ba ka laolang gore lefatshe la bone le tsamaela ntleng efe.A tlatsa ka gore se se ka kgonagala fela fa banana ba tsenya dipelo tse di itshetletseng, ba ngangisana ka ditsela tse di tshwanetseng tsa  puso ya batho ka batho le tsanmaiso ya lefatshe.

Golaszinski a re se se ka thusa gore ba amogane dikitso  le gone go tswa ka megopolo e botlhale go tokafatso itsholelelo ya lefatshe .O ne a fetsa ka go leboga barutuntshi ba banana bao ba ba ne ba akaretsa batlhatlhelela dithuto kwa mmadikolo.

E re dikgang di eme jalo,bontsi ja banana ba ba neng ba tsene thuto-seka-dipuisano, ba ne ba leboga ba Friedrich Ebert Stifttung-Botswana go ba fa sebaka sa go amogana maele. Ba ne ba supa fa ba bulegile matlho ka dikgang tsa boeteledipele.

Fela bangwe ba banana ba ne ba supa gore mme gone go santse go le gontsi mo lefatsheng leno le tshwanetseng la go dira.

Ba re go santse go tlhobaetsa gore a mme gone re tlhwaafatse go lemoga botlhokwa ja banana le seabe sa bone.

Ba re re santse re ise re dire go lekane go aba meamuso ya lefatshe ka go lekalekana.Ba re se se supega thata mo ditlhotshwaneng dingwe tsa merafe ya rona tse di saletseng kwa morago jaaka bomme,banana le bana-le-bogole.

Banana ba re ga re kake ra nna lefatshe le go tweng le a tlhabologa go santse go na le batho ba dikatso tsa bone tsa pereko di leng kwa tlase. Ba ne ba tswelela ka gore se se belaetsa gore a mme gone re tlhwaafetse go nyeletsa lehuma le re reng re batla go le nyeletsa.

Banana ba ne ba ngongorega ka tsamaiso dingwe tsa puso tse ba reng di opisa tlhogo ebile di dira thata kgonagalo ya go simolola dikgwebo .Ba re melao ya pereko le tsa melelwane di tshwanetse tsa tokafadiwa .

Ba be ba tswelela ka gore itsholelo e e ikaegileng ka ditsatlholego fela ga e ikanyege. Ba re go botlhokwa go tlhabolola dikitso tsa beng gae le go inaakanya le dipatlisiso tse di tseneletseng.