Naledi

Mabole a Botswana a a fisa

Bo ramobole ba nkgisanya magwafa
 
Bo ramobole ba nkgisanya magwafa

Go ya ka moanamisa mafoko wa lekgotla la BoBA, Kenney Maragana ditlhopha tsotlhe di setse di ititeile ka thupana gore di batla go dira sentle le go nna tsone megaka e e ka se tweng sepe ke ope fa di tsena mo kgaisanong.

A re kgaisano e e neng e tshwerwe ka mafelo a beke kwa Mmadikole kgotsa Unibesithi ya Botswana e ne e atlegile  ka e ne e le ya boleng jo bo kwa godimo fela thata, mo ebile batshameki bangwe ba neng ba supa fa ba gola sentle.

Maragana a re ga go sa tlhole go na le ditlhopha kgotsa boramabole le bommamabole ba ba batlang go nna fela ba fentswe mo seraleng, a re se se supagetse ka Matlhatso kwa go neng go lela lebole go utlwala.

A bua fa go ne go se na setlhopha se se eletsang go salela morago, ka go lebega gore di tlhaloganya gore fa go twe phokoje wa morago dintsa di a mmona go tewa eng, eleng seo go neng ga nna le dikgakgamatso tse di kgolo.

Setlhopha sa Prisons, Maragana a re se supile fa sentse se ipaakanya kgaisano nngwe le nngwe ka se ne sa dira diaba ka go tlhomamisa gore se ipaya mo maemong a mantle , a tlatsa ka gore batshameki ba sone ba ne ba itaya lebole gore ba ba lwang kgatlhanong le bone ba iphitlhele ba thiba tse di tswang go neela Prisons tshwanelo ya bogaka.

Maragana a re go dira sentle mo ga setlhopha sa Prisons go supa sentle gore bagolwane, bakatisi le batshameki ba dira tiro e ntle thata kwa kampeng ya bone, se a reng se tla a ba thusa thata go tswelela ba ntsha dinaledi tse di ka emelang lefatshe la Botswana mo dikgaisanong tse di farologaneng.

Ditlhopha tse dingwe tse di supileng fa di ntse di gola thata ke tsa kwa kgaolong ya Bokone kwa Francistown, tse le tsone di kgonneng go tswa ka diphenyo le dietsele go supa gore le tsone di tsile di ipaakantse sentle.

Maragana o gateletse botlhokwa jwa ikatiso mo motshamekong wa mabole, o a reng bontle le monate wa one o tswa mo go yone ikatiso e e tseneletseng. O boletse gore batshameki botlhe ba supile botlhale jwa bone le botegeniki jwa go tshameka mo seraleng, mme go itumedisa thata go bona go nna jalo, a re se jaanong se dira gore ipaakanyetso kgaisano kgolo e e tlang e supe fa go tla a nna thata go gaisa.

Mme ebile boramabole ba itlhokoditse sentle go tsena mo kgaisano ya mafatshe a Aferika, se a reng se dira gore ba tshepe fa go tla a nna kemedi e ntle kwa mo setlhopheng sa Botswana.

Maragana o tsweletse a bua gore kgaisano ya Matlhatso e ne e sena basadi, mme se se sa reye gore ga bayo, mme e le go tshwarwa ke mabaka ka go farologana, a gakolola gore go na le bommamabole fela ba ba itsegeng ka go itaya lebole go utlwala fa ba le mo seraleng