Naledi

Kgosi Michael Maforaga: Motlhanka o o boineelo

Kgosi Michael Maforaga
 
Kgosi Michael Maforaga

Ka jalo, badirelapuso le bone bane ba ikana ka nako ya ba hirwa gore ba tla lepalepana le manokonoko a dikgwetlho tsa go aga lefatshe leno ka itsholelo e goneng go sena ope yo aneng a ka kwalela gae ka yone. Bangwe ba bone ba ne ba itlama go aga le go tlhabolola lefatshe leno m61me mongwe wa bone e ne ya nna Michael Maforaga, yo gompieno eleng mothusa Kgosi kwa Palapye.

Kgosi Maforaga, yo jaanong a leng dingwaga di masome a supa le boraro (73), ke mongwe wa badirelapuso ba maloba ba ba diretseng lefatshe leno ka botlhaga, boineelo, bonokopila le botswapelo. 

Maforaga o tlholega kwa Serowe le fa gone a goletse kwa Palapye, mme e rile mo potsolotsong le Naledi, a tlhalosa fa a dirile lokwalo borataro ka 1961, mme ya re a o fetsa, ka 1962 le 1963, a thapiwa kwa sekolong se se potlana sa Palapye. Ka 1964, ‘Fragis’ jaaka bangwe ba tlwaetse go mmitsa, a ya sekolong sa thutelo borutabana kwa Serowe mme a digela dithuto tsa gagwe ka 1966, ka go falola ka setlankana (certificate in teaching).

Maforaga o tsweletse a re, “ka nako eo, kene kele mo setlhopheng sa bobedi go tsena kwa sekolong sa Serowe sa barutabana morago go bulwa ga sone, e bile ke motlotlo ka seo”.

A re go digeleng di thuto tsa gagwe, o ne a ya go ruta kwa sekolong se se potlana sa Palapye ka ngwaga wa 1967 mme ka 1970, a ya go ruta kwa sekolong se se potlana sa Malaka. Ya re morago ga ngwaga, ka 1971, a bo a fudusediwa kwa Khama Memorial kwa Serowe. Kgosi Maforaga a re o ile a tlogela borutabana ka ngwaga wa 1972 ka Tlhakole a le lesome le bobedi, mme ya re letsatsi le le latelang, a thapiwa kwa lephateng la Kabo Ditsha la Ngwato, ele mokwaledi kana land board secretary, ka teme ya sejatlhapi.

Kgosi are o ile a tlogela borutabana ka bone bo sena dituelo tse di nametsang, ka jalo a batla mafulo a matalana.

“Ke ne ka berekela kwa Ngwato dingwaga tse pedi fela mme ka tloga ka simolola go dikologa le dikgaolo ka go farologana mo Botswana, ke fa ere ka 1974, ka fudusediwa kwa Molepolole, mme yare ka 1976 ka romelwa kwa Kgalagadi,” Maforaga a rialo, mme a tswelela a re, morago ga ngwaga tse tharo, ka 1979, a ya Kgatleng, tota kwa Mochudi, ya bo ere ka ngwaga wa 1981 a bo a ya go berekela kwa Serowe gape.

Fragis a re o tswa go tlogela Lephata la Kabo Ditsha ka ngwaga wa 1983 a setse a buseditswe gape kwa Kgatleng mme a le mokwaledi wa Khansele kana Council Secretary. Go ya ka Kgosi Maforaga, gongwe le gongwe kwa goneng gonna boketenyana teng, one a isiwa teng ke ka moo a bereketseng kwa dikgaolong tse di farologanyeng dile thataro mo dingwageng tse di lesome.

“Go fudusiwa gagwe le gape, gone ga mpabalela mme ka felela ke tsere tshwetso ya go tlogela tiro ya bakwaledi jwa lephata la kabo ditsha mme inaakanya le dikhansele.

Ke ka moo ke feletseng ke nna Mothusa mokwaledi wa khansele kwa Kgatleng,” Maforaga a rialo, mme a tlhalosa go re moragonyana o ne a bo a fudusediwa gape kwa Maun 

E re ka e ne ele motho yoo tlhaga thata, e ne yare ka ngwaga wa 1986, fa Botswana a ipelela dingwaga tse di masome mabedi tsa ipuso, Maforaga a tlhomiwa gonna Molomaganya ditiro tsa go rulaganyetsa ipaakanyetso moletlo o, o o neng o tlwaetse go bidiwa gotwe TAICU (Twentieth Anniversary Independence Celebrations Unit).

“Nyaa mme e rile morago ga tiro e ntle e, tota ka 1987, ka fudusediwa kwa Gaborone mme ka fiwa boikarabelo jwa go thapa bodirelapuso jwa dikhansele le maphata a mangwe a kabo ditsha le amangwe fela jalo,” Maforaga a bua jalo ka menyenyo.

A re tiro ya gagwe e ne e akaretsa go rutuntsha bahiriwa ka ditsamaiso tsa goromente le bodirelapuso le mojamoreki.

“Jaaka ke buile gole pele, go ne ga nna le seemo kwa Kgalagadi se seneng se tlhoka tharabololo mme ka fudusediwa gape Tsabong ke le mokwaledi wa khansele, mme ele ka ngwaga wa 1989,” a rialo Fragis.

Maforaga a re o ne a tswelela fela jalo ka maemo a bodirelapuso mme a ntse a le pelotelele go fitlhelela a nna molaodi ka 1990, kwa Kgatleng, kwa a reng o ne a lebanwa ke dikgang tse di thata di akaretsa tsa loso lwa ga Segametsi Mogomotsi kwa Mochudi. Mme ya re ka ngwaga wa 1997, Maforaga a ya go direla kwa Maun ele mongwe wa balomaganya ditiro tsa go laolwa ga bolwetse jo boneng jwa ganyaola dikgomo tsa Batawana jwa tlhako-le-molomo kwa Kgomokgwana.

“Ke diretse kwa Maun go fitlhela ke tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2001, mme e rile ka 2002, ka tlhophiwa go nna leloko la Ntlo ya Dikgosi, ka bo ka nna mothusa modulasetilo.

Kgosi Maforaga a re morago ga thomo ya gagwe kwa Ntlo ya Dikgosi, o ne a inaakanya thata, mo go tseneletseng, le temo-thuo mme mo temeng e ya gagwe, o ne thibelela moraka kwa Rakops, mme a o bitsa fela a re Kgomotshwana, kwa a bolelang fa ruile sentle!

“Ke na gape le ditshimo tse di bonalang dile pedi kwa Bonwakatlhako, fa e nngwe mo go tsone ke e dirisa go lema merogo le maungo ka go farologana. E nngwe ke e dirisa go lema mabele, mmidi le dimela tse dingwe, mme gape ke ruile le dikoko tsa Setswana tse gape ke di rekisang mme gantsi go reka ba lenaneo la LIMID.

Ya re pele ga a khutlisa potsolotso, Maforaga o ne a busetsa Naledi kwa moragonyana mme a bolela fa ka nako ya loeto la gagwe la tiro ya borutabana, bane ba ralala dikgwetlho di akaretsa go tlhoka boroko ga mmogo le dipalangwa. A re bane ba dirisa dikara tsa ditonki e bile ba kgona go ya Palapye le bana ba sekole ka dinao batswa Malaka.

Mme a re ntswa bane ba ralala dikgwetlho tse, tiro yone ba ne ba e dira ebile ba ntsha maduo. “Ke alositse magareng ga ba bangwe, Carter Morupisi, yo gompieno eleng mokwaledimogolo wa ga Tautona Khama,” a ipelafatsa ka se, mme a re ka nako ya fa ba ruta, gone gole thata tota e bile baanwa metsi kwa melatswaneng, mme e bile metsi ao batho ba kgona go tlhapela gape mo go one, tota le go a ralala.

Goya ka Maforaga, kgwetlho e nngwe e e neng e ngomola pelo e ne ele ya dituelo, jaaka a re one a amogela R45, mme a bolela fa  e rile ene ele mogokgo, barutabana ba borre bane ba atswiwa ka R11 fa ba bomme bane ba amogela R7. Are mme bane ba bereka fela ka jaana bone bane ba itse gore tiro ya bone ke go tsaya puso mo go goromente wa ga Mmamosadinyana. A re maikaelelo magolo a bone e ne ele go tlhagolela tsela bao ba batlaang kwa morago ga bone, mme ba dira Botswana se a leng sone gompieno.

A re gone go inneelwa mo tirong ka erile nako nngwe a le kwa lephateng la ditsha le matlo a bereka tiro tse nne nako ele nngwe. Maforaga a re e ne ele mokwaledi, a phephafatsa, a kgweetsa e bile gape a kwala ka sebalamakgolong sa bone sa nako eo. Ntle bodirelapuso, Maforaga o nnile le seabe se se golo mo go bopeng makgotla a a buelelang ditshwanelo tsa babereki a akaretsa la barutabana.

Maforaga yoo itsegeng ka go rata go tlaopa, are lefa ntswa ele mongwe wa balwela ditshwanelo tsa babereki, o dumelang mo dipuisanyong.

One a kgala a sa kgwe mathe mokgwa wa babereki ba gompieno wa go ngala ditiro. Are ntwakgolo e tshwanetse ya nna ya molomo eseng ya diatla.

O tlhalositse gape gore makgotla a babereki a tshwanetse a ithuta go buisana le goromente gona le gore ba thammane le ene okare ba lekana bonkane ka gore ko bofelong ja letsatsi motsaa ditshwetso ke goromente.

A re Batswana ka kakaretso ba tshwanetse ba ithuta go buisana le goromente, mme are le goromente o tshwanetse a ithuta go reetsa sechaba.

Faa akgela mo kgannyeng ya gore o metlae, kgosi are o tshotswe ka one mokgwa o ka jalo gole thata gore oka o tlogela a setse a tsofetse. Maforaga  ke  monna yoo itsayang tsia tota ka ebile a ne a gana senepe pele ga a ikama. 

 O diretse puso ya Botswana mo maphateng aa farologaneng go fitlha a tlhomiwa Kgosi monongwaga mme dira mothusa moemela kgosi mono ngwaga ka Seetebosigo.