Naledi

Mafikizolo e tsidifatsa balatedi kwa Kabelano

 

Fela motho o ka tlhalosa gore Mafikizolo ga ba dira go le kalo mo ne motho a ka kwalela  gae ka letsatsi la kgaisano. Ditiragatso di simolotswe ke ngwanyana wa motswapong. A dira bontle Magdalene Lesolebe kana Charma Gal jaaka a bidiwa. Ga latela Odirile Sento kana Vee .A dira jaaka le ene a itsege ‘wa Mampela’ .Ka nako e modumo e ne le ele o kgotsofatsang,go lebega sentle fa balatedi ba itumeletse sentle baopedi bao ba mo gae. Ga tsena motsotso o ne motho a ka re mongwe le mongwe o ne a o emetse.Ga kaiwa fa , Mafikizolo e tla latela.

Ba simolola ka pina ya bone e ne ya tsosa modumo malobanyana fale. Pina gatwe Khona rra, monate wa yone  o kile wa tsenya batshameki ba setlhopha sengwe mo mathateng. Kamogelo ya  mafikizolo mo balateding ya simolola go ngotlega ka bonya ka bonya.

Ba simolotse ka fa ‘Pandamatenga’ fa leloko la rre la setlhopha, Theo Kgosinkwe a ntse a sutelela ka monokela ka fa balateding ba ba kwa bokone.Nnyaya moaparo o ne rra ne ba dirile jaaka malatsi otlhe go se maswe

Theo a itshwere sentle ka bakatsana ya gagwe ya gale le gale.Wa mme Nhlanhla Nciza a bo a le mo moseseng  o felela fa godimonyana ga mangole ekete sethunya sa banyadi.

E re ntswa moopedi mongwe le mongwe a na le thulaganyo ya gagwe ya go diragatsa,e ne ekete mafikizolo ba tsaa sebaka se seleele go gasama le lebala lotlhe jaaka Charma Gal le Vee ba ne ba dira.  Se sa dira gore e nne ekete balatedi ba bangwe ka fa dintlheng tse dingwe ba fela pelo.Balatedi ba ne ba thanya fela fa baopedi ba atamela thata fa go bone.

Fela pina e ne ekete e thantsha balatedi ya bo ele ya Ndihamba Nawe le O letse kae Maabane.Go ne go lebega thata fa balatedi ba itumelela dipina tsa Mafikizolo tse ba ntseng ba di rata gale  le gale go na le tiragatso ya setlhopha ya letsatsi. Setlhopha sone ne se ikatlegile ka diletswa tsotlhe tse di o ka di akanyang.Karata,meropa le diletswa tsa go tobediwa (keyboard). Fela modumo wa bo o sa tlhapa sentle.

Tiragatso ya Mafikizolo ya palelwa ke go fitlha fa serodumong se gantsi ba itseweng ka sone.Fa ba ntse ba tsweletse ba diragatsa ga bo gole motsamao o montsi wa balatedi.Bokoa jo Mafikizolo e neng ya bo dira mo letsatsing leo ja bo bo baya gape mo seraleng kgang ya gore ke eng re tsweletse ka go thapa baopedi ba batswakwa mme go tsweletse ka go supega gore banana ba mo gae le bone bana le bokgoni.

Maloko a setlhopha sa Mafikizolo a ne a sala a le mabedi morago ga gore mongwe ka bone,Tebogo Benedict Madingoane a bolawe ka tlhobolo dingwaga di le mmalwa tse di fetileng.Dingaka di ne tsa rurufatsa fa a tlhokafetse fa a fitlha kwa kokelong ya Chris Hani Baragwanath ka nako eo.