Naledi

Amos o fetotse Rudisha sejo sa malatsi

Amos a netefatsa phenyo ya gagwe kgatlhanong le Rudisha
 
Amos a netefatsa phenyo ya gagwe kgatlhanong le Rudisha

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, lefatshe la Botswana le ne le sa itsege ka sepe, fa e se ka nama e ntsi le teemane fela, kgotsa go ne go na le batho ba mafatshe ba mangwe ba ba neng ba itse lefatshe le, e ne e le ka go bo le sa kgone sepe mo motshamekong ope. E ne e ba utlwa gotwe Botswana e thulana le lefatshe lengwe, kgotsa le tsene mo metshamekong ya kgaisano nngwe go buiwe fela gore owaii ga gona kwa a yang go felela teng. Ga e le mo motshamekong wa kgwele ya dinao gone, e nne se segolo thata, ka setlhopha sa Botswana se ne se lelelwa ke moretlwa o o botlhoko thata, ditlhopha tsa mafatshe a mangwe di ne di nna fela mo go lone ka moretlwa o o botlhoko. Tse dingwe di sa tshabe gotlhelele go tshela dinno di tshwara robedi kgotsa go feta, se mme sa bo se diragala le mo metshamekong e mengwe jaaka mabelo, karate, soobolo, neteblo. Leina la Botswana le ne la simolola go utlwala le go itsege sentle fa motabogi wa mosadi, Amantle Montsho wa lebelo la 400m a ne a simolola go nkgisana magwafa le balekane ba gagwe mo dikgaisanong tsa mabelo ka go farologana. Le fa a ne a siiwa, o ne a seka a itlhoboga ka a ne a tloga a nna a thula mogala pele gab a bangwe, folaga ya Botswana ya phaphasela, mebala ya yone e botala jwa loapi, bosweu le bontsho ya bonala gantsi.

E ntse e le mo lebelong, ga tloga ga goroga mosimanyana a le mosesanyane le bontshonyana, leina la gagwe gotwe ke Nijel Amos, yo le ene a neng a seka a tla fela ka go garaswanya batabogi ba mafatshe a sele. O ne a ikwadisa mo dibukeng tsa maina a batabogi ba lebelo la 800m. A gaisana le dikakapa ka mefuta ya tsone, ene ka nako eo a le mmotlana ka dingwaga, mme se sa seka sa mo itsa go lwela mola le monna o o tumileng ka lebelo le , David Rudisha go tswa kwa Kenya.

Letsatsi le ne la nna lengwe fela le Nijel Amos a neng a ikana gore le fa go ka nna thata jang, pula e ka mpane ya na ka dibanana, go na le gore a siiwe ke motabogi yo wa kwa lefatsheng la Kenya, yo gape a neng a tshabiwa ke batabogi ba bangwe bobe. Batswana ba ne ba sa dumele se, mme Nijel DJ Zoro a tloga a ba pateletsa go dumela gore  ga a sie Rudisha ka phoso, nyaa op mo siya fela letsatsi le penne fa go le motshegare, mme fa go le bosigo, dipone le tsone di tshubile. Batswana ba tloga fa itse fela gore dingwaga tsele tsa bone go nna kwa mogatleng, di feditswe ke Amantle Montsho, mme jaanong Amos a tlhomamisa gore o tla a di tsweledsisa ka le ene a rata thata go bona Batswana ba itumeletse phenyo ya gagwe.

Amos o bua ebile a sa boife sepe gore ka na tota nako le nako fa a tsena mo moleng go taboga, ga a itabogele, mme a emela lefatshe la Botswana, le Batswana botlhe ka a itse fa ba mo eme nokeng go mo eleletsa go dira sentle ka dinako tsotlhe.

Nako le nako fa Amos a tsena mo moleng, Batswana ba emela lebelo le, ba itse sentle gore e tla a re le fela, ebo e le ene a tlodileng mola le go goroga pele, fa a fetola Rudisha dijo tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi go tlogela ba kwa Kenya ka dipelo di gamuketse botlhoko, fa Batswana ba tlolaka ka boitumelo. Se o se dirile gape ka mafelo a beke mo kgaisanong ya liki ya teemane, e e leng nngwe ya tse ditona thata.