Naledi

Finnigan o tla a bolawa ke moretlwa

Carl Finnigan
 
Carl Finnigan

Se ke se se diragaletseng batshameki bangwe ka ntlha ya go sa itshwareng sentle, go nyatsa le go betsa batshwaraphala.

Motshameki yo mosha wa mothomosweu go tswa kwa Ennyelane, Carl Finnigan, o ne a iphitlhela a tshwanelwa ke go tswela ntle pele ga motshameko wa setlhopha sa gagwe sa Township Rollers le Mochudi Centre Chiefs o ya bokhutlong ka ntlha ya go neelwa karata e khibidu.

Tiragalo e, e ne ya tla morago ga gore motshameki wa Centre Chiefs,  Ayanda Molefe, a tswe mo lebaleng go tabogela kwa ntlwaneng ya boaparelo go baakanya borokgwana jwa ka fa teng ka bo ne bo sa tshwane le borokgwe. E rile go boeng koo, Molefe a itatlhela fela mo lebaleng go tswelela le motshameko ka jaanong a ne a apere jaaka molao wa bolo o laola, le fa tota a ne a sa fetola bokgwana jo, mme a bo gogetse kwa godimo.

Fa a goroga jaana, bolo yone ya bo e le kwa ntle ga lebala e ntshitswe ke Rollers. Erile e tshwanetse go latlhelwa, motshameki yo, Carl Finnigan, a e tsaya a re o a e latlhela. Fela, mothusa motshwaraphala a gana a mo lemotsha fa e le ya Magosi. Se sa kgopisa thata Finnigan mo a ileng a palelwa ke go itshwara, mme jaaka e le tlwaelo ya batshameki bangwe go nyatsa batshwaraphala le bathusi ba bone, o ne a ntsha mafoko a a botlha ka molomo wa gagwe.

Mafoko a a Sekgowa (Vokof le Fuck you kgotsa) a batshameki ba kwa moseja ba tlwaetseng go a raya batshwaradiphala, go lebega a ka se amogelesege gotlhelele mo lefatsheng la Botswana, ka erile fela a sena go rialo, bolo yone e tsena ka lebala, mothusa motshwaraphala a bitsa motshwaraphala ka bonako go mmolelela. Motshwaraphala le ene, erile go utlwa fa motshameki yo wa mothomosweu, ebile a le mosha gape e le mosimanyana a tlhapaditse mothusi wa gagwe, a ragoga ka lebelo go tabogela mo lebaleng a tsenya lebogo mo pateng. Bontsi jwa babogedi ba ne ba akanya gore o ile go neela Molefe karata go mo kobela ntle.

Se sa seka sa diragala mo go Molefe. Mme Finnigan a seka a dumela matlho a gagwe jaaka a ne a bona karata e khibidu e fofa mo phefong fa pele mo ponong ya gagwe. Ya re okare o a belaela, motshwaraphala a tsholeletsa lebogo kwa godimo a tshikhinya karata gore a bone sentle gore gatwe a tswe ka lebala go ya go tlhapa nako e sa le teng.

Gongwe Finnigan ene ga a itse gore mafoko a ke ditlhapa ka Sekgowa, mme se a tshwanetse go se itse ke gore a tswale molomo wa gagwe thata gore a seka a tloga a iphitlhela a tswa fa pele ga lekgotla la Setswana ka marago a le bothito morago ga go sekisiwa le go atlholelwa dithupa mabapi le tiriso ya matlhapa. Township Rollers e ne ya fenya motshameko o go nna bone ditshimega tsa kgaisano ya Kabelano monongwaga.