Naledi

Ba ne ba boifa Domkgrag � Khwae

Khwae
 
Khwae

Khwae o buile jaana mo potsolotsong le Naledi bosheng, a bolela fa go rera lentswe la go ema nokeng mananeo a, e le gone mo go mo tlhabisitseng thipa mpeng. A re o ne a dira maiteko a go ngoka le go kgothatsa batho gore ba inaakanye le dithuso tse, a bolela fa kgabagare matshelo a bone a ka tokafala. “Mananeo a tshwana le a a itebagantseng le go thusa morafe wa Basarwa go bona mebereko, le go nonotsha dikoporase tsa bone, tota le gore ba itlhabolole ka leruo, ke one a a mpolaileng, nna ke re ke bontsha batho lesedi. Bane ba tshaba go ntlhopha ba re gongwe fa ba ka dira jalo batla seke ba bone mananeo a, ka bane ba tsaya gore ke a ga domkrag, kante ga ba itse gore ko pheletsong ya letsatsi ke makgetho a bone,” Khwae a buwa jalo.

Khwae o tsweletse a re bangwe ba ba baneng ba kwaisitse dithuso ka nako ya ditlhopho, le gompieno ba itshopere fela, ebile bangwe ba tsamaya sekgele se leele go ya go ipobola kwa go ene, ka ditshwetso tse ba di tsereng. Khwae a re bontsi jwa bao ba ba amilweng ke ketsaetsego e, ke banni ba dikgaolo tsa tengnyanateng.

Mabapi le magatwe a gore o ne a sa berekisanye sentle le makhanselara a phathi ya gagwe, Khwae a re ga go a nna jalo, mme fela  are se a se lemogileng ke gore ba ne ba sa goge ka jokwe nako ele nngwe, a bolela fa se sene se bakwa ke gore bontsi jwa makhanselara ba ne ba dirisa ditsompelo tsa bone go ipapatsa, mme seemo se se bake gore bangwe ba salele kwa morago. “Polotiki ga e motlhofo bogolosegolo fa go tla nako ya ditlhopho, bangwe ba banang le ditsompelo ba nna le sehuba sa go sianela kwa pele ga ba bangwe, mme se se supi go tlhoka tomagano ya setlhopha, fa se ikaeletse go goga ka matla a le mangwe,” Khwae a rialo.

Khwae o tshwaetse gape ka go bolela fa nako e gorogile gore lekgotla la UDC le dire thulaganyo ya go tlhoma leitlho thata kwa dikgaolong tse di nang le letlhoko, mme a bolela fa go sa direng jalo go ka segela domkrag ka fa lehureng, ka mananeo a lone a nakwana jaaka a ipelegeng.

Mabapi le monahune ya lekwa go rekwa ke BDP, Khwae o latotse se, mme a bolela fa ele leloko la popota la BNF mme e bile a dumela mo tirisanong mmogo ya diphathi tsa kganetso, bogolojang UDC.

“Mo sepolotiking re nna re etelana, mme ebile ga gona lepe lepolotiki le le kareng ga le ise ko le etelwe ke le lengwe, ka maikaelelo a go mo ngoka. Ee! bangwe re etalana jaana re batla go kgobera maikutlo a maloko a mangwe a diphathi tse dingwe fa bangwe rele mapolotiki re le dinta tsa selomela kobong, re sa kgona go farologanya mashi le nama, ke gore, re se maloko a diphathi a a tshephegang mme re emetse diphathi tsa rona ka maikaelelo a go ja fela, mme re sa emela dikeletso tsa batho,” Khwae a tlhalosa jalo.

“Fa ele gore UDC e santse e bona bokgoni mo go nna, ke tla tsamaelana le se maloko a kgaolo ya Kgalagadi ba se bonang mo go nna, mme se seka itshupa fela ka tlhopho ya peo letlhokwa pele ga ngwaga wa ditlhopho wa 2019,” go bua jalo Khwae, mme e bile a rotloetsa Batswana, bogolosegolo ba kgaolo ya gagwe go inaakanya le thuto ya sepolotiki ka makalana a dikgaolo tsa lekgotla la UDC.

Khwae a re gore motho a bo a le Moemedi wa tlhwatlhwa, o ka itshupa ka itse go buelela batlhophi, eseng fela kwa diphuthegong tsa sepolotiki tsa phatlhalatsa, mme le kwa ngangisanong ya mananeo a phathi.

Mabapi le go ngoka kemonokeng ya dithuso, Khwae a re UDC tshwanetse ya tlhwaafalela go ngoka makgotla a a ikemetseng ka nosi, mono gae le kwa ntle ga Botswana tota, go rekisa maitlamo a yone, ka moono wa go tlhabolola motho pele le a go rotloetsa tlhabololo ya boipelego, ka go rotloetsa dikgwebo tse di ka thamelang Batswana ditiro kwa magaeng le metsana, mme ele tsa sennela ruri. “Re tshwanetse ra simolola jaanong, go kokoanya madi a makgotla a rona a BNF, BMB le BPP, ka fa tlase ga moono wa UDC, maikaelelo ele go nonotsha matlole a a ka thusang kwa ditlhophong tsa 2019, mme gape re tshwanetse ra simolola go dira mananeo a reka tsosang matlole a rona ka teng mme ka go tsena mo dikgwebong.