Naledi

Ba Gantsi ba lela sa ga Ragele

Ndaba Gaolathe
 
Ndaba Gaolathe

Gaolatlhe o buile se, jaaka a ne a amogana maikuelo a, le batsena phuthegokgolo, a bolela fa banni ba mafelo a asatswang go a etela, ba ne ba mo nankolela gore ba setse ba feletswe ke tshepho mo botshelong, ka ntata ya ditsholofetso tsa ga domkrag tse di sa diragadiweng. 

Gaolathe a re, banni ba lela thata ka go tlhoka ditlhabololo tse ba reng e setse ele dingwaga ba sa di bone. O buile a sa kgale lethe gore puso ya ga domkrag ga e a tshwanela go rontsha batho kgotsa go ba amoga boitumelo ka se se felela jaanong se ba tlhokisa tshepho mo go sepe fela.

“Go solofetsa batho o be o sa ba netefaletse tsholofetso, ga go a siama ka e bile go ba kgobele marapo go ya pele, mme morago go ba rontshe kgololesego le kagiso mo meweng ya bone,” Gaolathe a rialo.

O tlhalositse gore fa puso ya ga domkgrag e dira batho jalo, ke gone fa batho ba tshwana le mogaka moswi Gomolemo Motswaledi ba gopolwang ka teng, go intsha setlhabelo sa go lwela kgololesego ya batho.

Gaolatlhe a re Sir G jaaka Motswaledi a ne a itsege thata ka teng, o ne a na le tebelopele e e nitameng ebile a itse tsela e batho ba ka e tsewang ka teng go ba isa kwa isagong e e siameng.

Gaolathe a re BMD e lwela Motswana mongwe le mongwe yo o eletsang go ka itirela ka diatla go na le go naya tshwene marapo a baya mo pusong go mo ntsha mo lehumeng. A re BMD e lwela se, ka jaaka Sir G a ne a se lwela.

A re gape, BMD e dumela mo go rotloetseng ngwao, go tlotlana le go ithuta mo go ba bangwe, ga mmogo le go nna phathi ya maloko a a ngata ele nngwe e e nitameng.

Ya re a digela, Gaolathe a re, “Re phathi ya batho ba baseng di pelo di tshetlha ba re dumelang mo go kgaoganeng tlhogwana ya ntsi, ebile re batho ba re senang makgamu, ka dilo tse tsotlhe ke di nankotseng, di kgona go phatlhalatsa makgotla a sepolotiki kgotsa ape fela,” a rialo Gaolatlhe.

Moeteledipele wa BMD o ne a wetsa mafoko a gagwe a ka go bolelela batsena phuthego gore ele ba BMD ba dumela sentle go sena pelaelo gore e tla re ka ngwaga wa 2019 BMD le ditsala tsa yone, e bo e tsere puso a re se se ka kgonega fela fa maloko otlhe a ka ema ka dinao go berekela phathi le go e bopaganya.