Naledi

O thubeditse mmangwanaagwe

Godirwang, yo o tumileng thata ka leina la ‘Volume’, o setse e bile a itshupile kwa go Makaseterata mogolwane Queen Moanga, mme mongongoregi Onkatametse Meagowe, yo gape e leng mona-le-bogole, a ikokotlela ka dithobane tse pedi, o nnile le sebaka sa go bolelela lekgotla ka tiragalo e e setlhogo e, a tlhalosa gore  Godirwang o mo dirileng.

Meagowe, yo a neng a fa bosupi a ntse fa fatshe, ka ntlha bogole jwa gagwe, o ne a tlhalosetsa lekgotla ditiragalo tsa letsatsi la petelelo, a bolelela fa mosekisiwa ele ngwana wa ga mogolowe, thoothoo! O boletse fa e rile ka letsatsi la tiragalo e, kgwedi ya Motsheganong ele borobabobedi monongwaga, a ne a tsaya mosepele go tswa kwa morakeng o a neng a nna kwa go one, o o bidiwang Xaogodom, mme a ya kwa go o o bidiwang Ganeganega, ka mabaka a go kopa motsoko le ditlhatleo.  

  Mongongoregi o tsweletse a bolela gore go gorogeng ga gagwe kwa morakeng wa Ganeganega, o ne a fitlhela batho bangwe go akarediwa mosekisiwa ba nwa bojalwa kwa sepotong sa ga Osha.

A re o  ne a tlhola koo le batho bao ka boitumelo, go fitlha ka maneelo a dikonyana, fa jaanong a ne a felela a kopa ngwana wa ga mogolowe,(Mosekisiwa)gore a mo felegetse.  “Kene ka kopa mosekisiwa gore a mphelegetse ka go mpega pitse ka ene ele ka dinako tsa lotlatlana, letsatsi le dikela,” go tlhalosa jalo Meagowe.

A re mosekisiwa o ne a dumela go mmuledisa mme ba pagama pitse e le nngwe mmogo; a tlatsa ka gore ba ne ba na le mongwe yo le ene a neng a pagame pitse ya gagwe e leng Rre Lenkuile Gobihelwang.

Mongogoregi o tsweletse a re pitse ya ga Lenkuile e ne e le kwa pele ga e ba neng ba e palame ene le mosekisiwa.

A re ba ne ba tsena fa lelwapeng la ga rraagwe mosekisiwa mme a fiwa matlhare a tee, ka e bile a ne a setse a filwe motsoko ke mongwe.

Ka jalo, a re rraagwe mosekisiwa o ne a ba fa masego a go tsamaya sentle, a bo a rotloetsa morwae gore a ise mmangwanaagwe (Mongngoregi) kwa lelapeng ka a ka se kgone go tsamaya ka dinao. 

Mongongoregi a re e rile fa go ntse go ya, pitse ya ga Lenkuile ya tlhatlosa mosepele mme mosekisiwa ene a kganela e ba neng ba e palame ka ditomo ka bomo gore e se ka ya itlhaganela.

‘’Ke ne ka botsa Volume gore ke eng fa o kganela pitse ka bomo,’’ ga tlhalosa mongongoregi. Mongongoregi a re mosekisiwa o ne a mmolelela gore o kganela pitse go tlhatlosa mosepele ka bomo ka a ne a batla go mo robala.

A re o ne a gakgamalela mafoko a aneng tswa mo leganong la ngwana wa ga mogolowe. a bolela fa mosekisiwa a ne a mo diga mo pitsengt mme a wa  ka motlhana; fa ka nako eo a ne a goa go kopa thuso mme ga se ka ga tswa tema ka gore yo ba neng ba na nae e leng Lenkuile a ne a setse a tsamaile a ba siile.

 Lekgotla le utlwile fa mongongoregi a ne a bofelela pitse ya gagwe fa setlhareng mme a boela kwa go mongongoregi ka maikaelelo a go mo robala.

Mongongoregi a re mosekisiwa o ne a mo apola ka dikgoka a bo a mo thubetsa.

Mongongoregi a re lantla e rile fa bonna jwa mongongoregi bo tsena mo bosading jwa gagwe, o ne a leka thata go tswala dirope go bo kganela mme mongongoregi a nna dikgoka thata; a mo kgalemela ka bogale a mmolelela gore fa a ka tswala dirope o tlaa mo tlhaba ka thipa a mmolaya.

A re ka jalo mosekisiwa o ne a mo thubetsa a sa dirise khondomo mme morago a mo pateletsa go apara le go pagama pitse a bo a ya go mo tlogela gaufi le lelapa la gagwe.

A re fa a se na go tlogelwa foo ke ngwana wa ga mogolowe, o ne a tlhotsa jalo go fitlha a tsena kwa ga gagwe a bo a bolelela monna wa gagwe, ba ne ba leletsa mapodisi a Orapa mme ba goroga ba bo ba kgona go mo isa kwa kokelong go bonwa ke ngaka.Basupi ba  puso ka letsatsi leo ba ne ba akaretsa Rre Malense Malense, Lenkuile Gobihelwang le motlhotlhomise wa kgang e leng Detective Constable Eliah Israel.

Mosekisiwa o ganeditse gotlhelele gore o thubeditse mmangwanaagwe. Le fa go ntse jalo, ruri go leka go botsa dipotso ga gagwe go ne gole bokoa, ke mo go tweng morwa o hula ka toba. Katlholo e tla tswa ka Lwetse a tlhola boraro mme tsheko e tsamaisiwa ke Inspector Aubrey Mmereki.