Naledi

Ba rotloediwa go rua Bonsmara

Bonsmara Bull
 
Bonsmara Bull

Thotloetso e e dirilwe ke morui wa maemo a a kwa godimo go tswa kwa Aferika Borwa, e leng Duncan Serapelwane.

Serapelwane yo o kileng a nna morutabana dingwaga di le lesome pele ga a ka tsena ka tlhoafalo mo temothuong, mo a go bitsang a re ke “go boela kwa moding,” o ne a etetse kwa kgaolong ya Boteti Botlhaba ka mabaka a go ruta le go amogana maano a thuo le barui ba koo. 

Go kopana ga morui mogolo yoo wa Aferika Borwa le barui bangwe ba Boteti, go ne go tshwaretswe bosheng kwa lefelong le le tumileng la marekisetso a dijo le di dirisiwa tsa temothuo le le bidiwang Voorslag kwa Letlhakane. Serapelwane a re go rua go na le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe, ka jalo e tlhokana le motho yo o pelokgale a na le maikaelelo a a sa reketleng.

O boleletse barui ba Boteti gore ka ntlha ya phetogo ya loapi e e diragalang mo metlheng eno, thuo e nna bokete. O ba kgothaditse gore ba inaakanye le go rua dikgomo tsa letsopa la Bonsmara, ka di kgona go lepalepana le dikgwetlho tse di leng teng jaaka leuba. Rre Serapelwane o gakolotse barui ba kwa Boteti gore ba ipope ditlhotswana tsa go ithuta.

O tsweletse a tlhalosa gore ga go na mosola gore barui ba ipeele dikitso tse ba nang natso ba sa di amogane le ba bangwe, gonne gatwe dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe, e bile kgetsi ya tsie e kgonwa  ke go tshwaraganelwa, e tseelediwa ke yo o bapileng nae. A re barui ba Boteti ba na le lefatshe le lentle, le le bophara le e bile le lebegang le nonne go ka hepa leruo. Barui ba Boteti ba ne ba itumetse thata ka letsatsi leo.

Ba re ba amule dikitso tse di botlhokwa tsa tlhokomelo ya leruo mo go morwa Serapelwane, ba tlatsa ka gore go botlhokwa gore barui ba mafatshe a Aferika ba nne ba etelana go amogana maano.  Ba ne gape ba reka dibuka mo go Rre Serapelwane tse di buang ka thuo ya dikgomo tsa Bonsmara. Barui ba Boteti ba bontsi ba ruile letsopa la boramane.