Naledi

Leina lebe seroma: Makgekgenene le Masitara

Tlhabologo e e itshupa mo mehameng e mentsi jaaka thuto, boranyane, tsamaiso ya puso, tikologo, itsholelo, botsogo, boranyane le tse dingwe. Gantsi kelotlhoko ya tlhabologo le kgolo e supiwa mo dilong tse dingwe, mme e salele morago mo mehameng e e botlhokwa jaaka puo kana teme ya lefatshe.

Fa re ntse re gola, re tlhabologa, teme, e e leng yone konokono gore batho ba lefatshe ba ka ikaya, ba buisana, ya supa boipelo le kopano ya bone, ya bo ya farologanya batho le ditshaba tse dingwe, e a nne e salele go ka lemogwa. Ga go gantsi e kanokwa, go bonwa gore a e ka seke e nne le lekala le le tiileng, go e nonotsha, go e sireletsa, e kwalwa e bo e buiwa ka tsela e tshaba e ka ikutlwang e na le seriti fa beng ba e dirisa ka botswapelo.

Puo kana teme e kgona go nna mhama o o ka nonotshang itsholelo thata.Maesimane ke bangwe ba re ka supang gore, e re le mororo ba tswa mo lefatshing le le fetwang ke Botswana ka bogolo, ba ne ba dira gore teme ya Seesimane e ba tlotlomatse, e bo e fele e le teme ya mafatshe, thuto ya dikole, le teme ya diphuthego tsa boditshabatshaba. Dilo tsotlhe tsa itsholelo bontsi di bapadiwa ka Seesimane. Ditsamaiso tsa mebuso di kwalwa di bo di tsamaisiwa ka seesimane. Metshameko e gasiwa ka seesimane. Dibaesekopo, dikgang le one maeto, ke Seesimane.

Go na le go ngongorega gore sengwe le sengwe ke Seesimane, motho o ka ba galaletsa gore bone mme ba ne ba tlotla teme ya bone. Ba ile ba kgona gore ba e sireletse, ba bo ba bone gore ga e siiwe ke dinako, e tsamaelana le dipaka, le mehama yotlhe e e golang gore mareo a dilo, a nne a le teng.

Sengwe se se kgontshang mafatshe ke go nna le mo ba go bitsang Language Lab. O ke mhama o o itebagantseng le go leba teme ka gale ba rulaganya gore e kwalwe ka go tshwana ke bakwadi botlhe, e bile ba tlhomamisa gore botlhe bakwadi ba nna le mokwalo o o lolameng. Gompieno fa o bala mekwalo ya puso, dikoranta, dimausu, dikompone, go ikwalelwa fela. Mme fa o le morati wa teme le mokwalo wa yone go ka go fatlha. Kwa bofelong gore tlhobosa re le tshaba.

Fa o reetsa ka fa pitso ya mafoko a Setswana e ntseng ka teng go balwa dikgang, go tlotlwa, kana mo mafelong a setshaba, o utlwa le gone gore sengwe se a tlhaela e bile se a tlhobaetsa. Le mororo batho ba eletsa go bua puo ya bone, ga go na kaedi ya gore mafoko a buiwa a bo a bitswa jang. Language Lab,e thusa mo dipakeng tse.

Go ranola le gone go teng, mme go na le kgwetlho. Baranodi ba sokola ka gore mareo mangwe a ka bitswa jang, ga bo ga amogelesega gore a ranotswe ka fa setshaba se ka kgothadiwang gore ke mafoko a a amogelesegang. Sekai, fa circumsicion e tsena, baranodi ba ne ba e bitsa, “go kgaola letlalo la bonna.” Le mororo thanolo e e siame, fa o e reetsa sentle e ne e na le bokao jo bo boifisang,e bile bo gogela kwa tlhapeng fa o le sika loo rre. Mme bone ba itsetsepela gore go ranola ga bone go tsamaya sentle le se ba batlang go se supa. Language Lab, e ne e ka thusa mo diemong tse, ga mmogo le tse dingwe.

Language lab, e thusa go godisa puo ka mafoko mangwe, go oketsa tlotlontswe ya puo ya setshaba. Mokwalo o o tsere leina Makgekgenene e le sekai. Ka nako ya ga tona Makgenene, o ne a okeletsa batho dituelo, mme  bontsi jwa dirisa lereo le, go amana le madi le itsholelo. Motho fa a na le madi o ne a kgona gore a re, ‘gompieno ke makgekgenene.” Fa a seyo a re, “ wena wa re nna ke makgekgenene!” Madi a kile a bidiwa, “ tshomela.” E le gore babereki ba moepo wa Phikwe fa ba amogetse go atwe,”tshomela e ole.” Rre Robert Masitara le ene o ne a dira ditiro tsa bopelotlhomogi, mme yo o pelontle a bidiwe Masitara.

Language Lab, e thusa go boloka mafoko  e bo e ka supa gore ke setshaba se a dirise mo mekwalong, ditlhanodi le ditlhalosi le mo mafelong a puo e le puo ee amogelesegang. Mokwalo o o rotloetsa gore e kete go ka nna le lekalana le, go thusa le go dira le setshaba go somarela le go tlhabolola teme e jaana re e dirisang, ga mmogo le tse di leng teng mo gae.