Naledi

Ke bona dinaledi tsa kamoso � Karabo

Connie Ferguson
 
Connie Ferguson

A re o leboga tautona wa lefatshe la Botswana Lt General Seretse Khama Ian Khama le puso ya Botswana go bo ba bone botlhokwa jwa bodiragatsi ka jaanong Batswana ba simolotse go itshetsa ka jone. Karabo o buile se morago ga dikgaisano tsa metshameko ya Drama le Metlae kwa kampeng ya sesole sa Botswana(SSKB) ka Sontaga, a re ene le fa mongwe le mongwe a mo tseela kwa godimo ka ntlha ya bodiragatsi, o simolotse fela jaaka ngwana mongwe le mongwe wa Motswana a ka dira. A bua fa e le Motswana fela wa kwa Lobatse, mme a simolotse go palama serala fa a ntse a gola kwa Lobatse fa a ntse a tsena sekole.

A re gone le ga ba ntse ba palama mo seraleng go tshameka jaana, e ne e le motshameko fela wa terama o o sa reng sepe ka go ne go se ope yo o neng a itse le go tlhaloganya gore tota go botlhokwa jang gore o tsewe tsia. Se a re se ne sa felela se dira gore terama e tsewe fela e le motshameko o o tlosang bolutu jaaka e mengwe mo lefatsheng la Botswana, sengwe se se neng sa dira gore badiragatsi bangwe ba ba neng ban a le talente le bokgoni jo kwa godimo ba felele mo sebakeng ka go ne go se na se se ba rotloetsang go tswelela pele.

Sekgantshwane se sa bodiragatsi, Karabo a re ga a bona dikgaisano tsa malatsi a boitapoloso a ga tautona o itumela thata ka jaanong a bona fa tautona le puso ya gompieno e lemogile botlhokwa jwa bodiragatsi, a re o mo akgola thata gammogo le puso ka e le yone e ntshang madi go thusa le go rotloetsa dikgaisano tse ngwaga le ngwaga.

O ne a tswelela a bolela gore, mafatshe a le mantsi a setse a na le dingwaga di le dintsi thata a ntse a thusa bodiragatsi ka madi le mafelo a go tshwara ditiro jwa tsone, ka go rialo a re go botlhokwa thata gore Batswana ba tlhaloganye se puso e se dirang ka dikgaisano tse le tse dingwe tse di amang bodiragatsi ka go farologana.

A re bodiragatsi ga se go tshameka fela, mme ke bontlha bongwe jo puso e bo dirisang go tlhama ditiro le gone go tsosa itsholelo ya lefatshe, mme ebile bo dirisiwa thata go thusa go ngoka bajanala go tswa kwa mafatsheng ka go farologana.

Fa a bua ka badiragatsi, Karabo o boletse gore o itumetse thata go bona ka fa Batswana ba dirang ka teng fa ba le mo seraleng, a re go na le tsholofelo e ntsi thata gore ba tla a gatela pele mo go se ba se dirang, a gatelela gore ka na bodiragatsi bo siame thata ka bo se na molelwane wa dingwaga.

“Bodiragatsi jwa serala le thelebishine bo kgatlha ka gore ke jwa mongwe le mongwe fela yo o nang le talente, ga gona mogolo, ga gona ngwaga, ke jwa botlhe,”a bua jalo Karabo.

O buile gape gore batshameki ba ne ba supa sentle gore ba ka lwa thata ka talente ya bone fa ba ka fiwa sebaka sa go dira jalo, a re o ba gakolola gore ba tshwanetse go tlhwaafalela se ba se dirang gore ba kgone go ngoka leitlho la bahiri ba badiragatsi go nna dinaled tsa kamoso.

A re ba tshwanetse go itse gore gab a tshamekele go itlosa bolutu, mme fa e le tiro e e ka ba hirang go ba thusa go baya dijo mo tafoleng go tlhokomela ba malwapa a bone, a tlatsa ka gore mme go botlhokwa thata gore letseno lengwe le lengwe le ba le bonang bal eke thata go le boloka