Naledi

Dipitse di feletswe ke tsholo � Borametlae

Bangwe ba bone ba ne ba tsaya sebaka se go roma tona ya Banana, Metshameko le Ngwao, Thapelo Olopeng kwa go ba lekgotla la motshameko wa kgwele ya dinao(BFA) gore Dipitse di santse di tsile go bolawa ke ditlhopha.

Mongwe wa bone, Sindimba Shitah o ne a re o kopa go ruta bamoreetsi le Batswana botlhe gore Pitse ka bo yone ke sejo, a re fela jaaka motho yo o bidiwang Kepaletswe a seke a kgona sepe, ga go na jaaka Dipitse tsa Botswana di kgona sepe. A re leina le ya mareelelong, eleng seo ditlhopha tse dingwe di nna fela mo go Dipitse ka thupa e e botlhoko.

O ne a tswelela a bolela gore diphologolo tsotlhe tse di amusing ga di ntse di gola , di tsena mo seemong sa go fetsa go tsala kgotsa go tshola, a re fa go buiwa boammaaruri, a botsa gore a mme go tloga fela ka ngwaga ya 1966 go fitlha gompieno a Dipitse ga di ise di felelwe ke go tshola. 

Ka a ne a bua ka seemo sa Dipitse, se Motswana mongwe le mongwe a se itseng, o ne a amogelwa ka leshalaba le diatla go supa fa le bone ba dumela gore Dipitse di feletswe ke tsholo, a re le ene mokatisi yo o hirilweng o bidiwa Peter Butler.

A re Peter ka Setswana ke Petere, mme kana Petere yo o ne a itatola Jesu, mo le yo a ka nnang a itatola Dipitse, a tlatsa ka gore le sone sefane ke Batlelara, mme o ipotsa gore ke batlelara wa mofuta mang e e tlhobogilweng ke bo Kenya. “A mme ga se wa fonkong tota?” a botsa jalo.

Erile ekete mafoko a a gagwe ka setlhopha sa Dipitse ga a a lekana, ga tla rametlae yo mongwe ebong Matlou, le ene a bua gore tota ene o bona Dipitse di tshwana fela le Notwane ka gore tsotlhe di a betswa fa di tshameka.

 “Nna ke bona Dipitse di tshwana fela le Notwane, ka gore Notwane e a betswa, Dipitse le tsone di a betswa, ebile Notwane e ile kwa leroleng, a eseng gore Dipitse tsone fa di betswa re seka ra di isa kwa leroleng. Bogolo re di latlhele fela mo swiming phulung,”ga bua jalo Matlou ka motlae wa gagwe.

Fa borametlae ba, ba ntse ba bua jaana ka Dipitse, gareng ga bareetsi, ga bo go le tona wa lephata la Metshameko, Olopeng le mothusa mokwaledi wa lephata le ebong Ramoroka ba le bone ba neng ba patelesega go tshega.