Naledi

Dikgaisano di ngoka ba-na-le-bogole

Mme jaanong monongwaga go ne ga lemosega fa di ntse di golela pele mo ebile di neng di ngokile le bone ba na le bogole tota, mme gape ba kgona go gapa maemo a ntlha. Fa badiragatsi ka bongwe ka bongwe jwa bone, gammogo le ditlhopha ka go farologana ga mefuta ya tse di supiwang, barati le balatedi ba ngwao le tsotlhe tse di amang Batswana ba ne ba aja monate bogolo jang ka malatsi a a ne a ba tsholetse letshono ka ntlha ya letlhoko la madi.

Gareng ga ditiragalo tse di neng di natifisa malatsi a, go ne go le Poko, Metlae, Setapa, Tsutsube, Sebirwa, Seperu, Hosana, Diware, Phathisi, Polka, diletso tsa Setswana jaaka setinkane, segaba le katara.

Batswana ba ne ba itumela thata go bona batshameki le badiragatsi ba supa gore ngwao le mmino wa Setswana go ya ka go farologana ga merafe yone ga e ise e nyelele gotlhelele, se se supa fa dikgaisano tse di dirile thata go thusa gore Batswana ba ikgate motlhala go baakanya tse ba neng ba di senya ka ntlha ya go taboga le dingwao tsa mafatshe a sele.

Mo go ba ba neng ba gaisana gab o go na le batho ba ba tshelang ka bogole, jaaka mosadimogolo Selisi Mooketsane go tswa kwa motseng wa Majaalela yo ene a neng a tseneletse karolo ya lekgapho le makgabisa a Setswana.

Mosadimogolo Mooketsane o supile sentle gore tota diatla tsa Motswana di dintle thata fa a itse le go rata se a se dirang, a boa a supa gore go golela fa tlase ga basadibagolo ba Setswana sa kgoma sa boloko ngwana o felela a amule thuto yotlhe mo go bone.

Le fa e le mona-le-bogole, mosadimogolo Mooketsane o ne a tsenelela dikgaisano tse kwa kgaolong ya gagwe, kwa a ileng a feta ka tse di tsididi go fitlha a goroga mo kgaolakgannyeng a gape a ileng a mo lebisa kwa toropokgolo, Gaborone.  Ga a le mo legatong le le bokete ebile le le thata le, mosadimogolo Mooketsane a supa sentle gore puo e e reng ‘go tshela ka bogole ga se go palelwa,’ka a ne a dira tiro ya gagwe ka bokgabane le mororo a dira a le mo kolotsaneng ya gagwe e e mo thusang motsamao.

Ka ntlha ya kitso le bokgoni jwa tiro e ya gagwe ya go kgapha, mosadimogolo Mooketsane o ne gatisa botlhe ba a neng a phadisana le bone ka go kgapha legala jaaka diatla tsa gagwe di ne di bonala e le tsone tse dintle ebile di kgatlhile thata baatlhodi. Ka ntlha ya se, Mooketsane a tshwanelwa ke go leba gae Majaalela ka pelo e tletse boitumelo ka e le ene tshimega ya Botswana ya Lekgapho le ntswa a tshela ka bogole.

Erile a amogela seetsele sa gagwe, mosadimogolo Mooketsane a bo a tletse ka boitumelo jo bogolo thata, a supa gore ga a senatla fela mo lekgaphong, mme a itse gape le go tshameka ka mafoko kgotsa puo ka a ne a boka thata tautona Khama.  A bolela fa e le motho yo o siameng thata, a le kutlwelo botlhoko mo go ba ba tshwanang le ene, a re dikgaisano tse tsa malatsi a ga tautona di thusitse thata, a re tota fa e ne e se ka tsone o ne a ka se tlhole a tsile toropokgolo Gaborone. Mo lebokong la gagwe, mosadimogolo Mooketsane o ne a bolelela tautona Khama fa a rata tiro ya gagwe, fela a sokodisiwa thata ke metsi ka a se na pompo, mme a kopa tautona Khama go mo thusa ka go mo gokelela pompo.