Naledi

Ba sekela serope

 

Basekisiwa ba, ba lebisitswe molato oo le borre bangwe ba le babedi e bong Bekinkosi Seabe le Innocent Sibanda yo o tlholegang kwa Zimbabwe. Go ya ka mabaka a tsheko, ba belaelwa ka bone jwa bone ba lebisitswe melato e le mebedi e leng wa go thuba ntlo le go utswa. Bosekisi jo bo eteletsweng pele ke Sergeant Boipelo Moreki wa kampa ya sepodisi sa Letlhakane, bo tlhalositse jalo gore go ba belaelwa ba dirile melato eo ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola masome a mabedi le bosupa mo ngwageng ono.

A re go utlwala fa ba ne ba thuba ba bo ba utswa mo ntlong ya ga Nigel Mosarwa kwa kgotleng ya Mokgobelele gone kwa Letlhakane. Mokwalo wa ba bosekisi o tswelela o tlhalosa gape gore dithoto tse di utswilweng mo ntlong eo di akaretsa nama ya serope sa kgomo e tlhwatlhwa ya yone e leng makgolo a le marataro le masome a matlhano (P650.00) le di dirisiwa tse dingwe tsa diletswa jaaka DVD player, beke e e tsenyang diDVD, dikhoudara ya Dstv le tse dingwe. Ga twe tlhwatlhwa yotlhe ya dithoto tse di utswilweng ke dikete tse nne le makgolo a mabedi a dipula (P2000.00).

Le fa gontse jalo, basekisiwa botlhe ga ba a ipona molato mme e bile ba gwetlhile ba bosekisi gore bo ipaakanyetse ntshe bosupi jo bo nonofileng kgatlhanong nabo. Lekgotla le sedimoseditswe fa bosekisi ba tlaa bitsa basupi ba le bararo. Tsheko e tlaa simolola ka kgwedi ya Lwetse e tlhola bobedi mo ngwageng ono. Basekisiwa ba le bararo e leng wa ntlha, wa boraro le wa bone ba tlaa itshupa gape kwa lekgotleng kgwedi e e tlang e tlhola masome a mabedi le bobedi, fa wa bobedi ene a tshegeditswe mo kgolegelong go fitlha kgwedi eno e tlhola masome a mabedi le bosupa.