Naledi

Re itlhokomolositse banana � Magang

Magang
 
Magang

A ke mafoko a Mopalamente wa pele wa kgaolo ya Lentsweletau e bile a kile a nna tona, Rre David Magang, jaaka a ne a bula semmuso thuto-sekadipuisano ya go rutuntsha banana ka boeteledipele, e e neng e tshwerwe ka matlhatso a re tswang mo go one.

Magang a re mo go goleng ga rona re le lefatshe, re ne ra itebatsa ntlha ya gore ka nako nngwe bagolo ba tla tshwanelwa ke go neela banana marapo a boeteledipele. A re tsholofelo ya lefatshe lengwe le lengwe e ikaegile ka banana, mme go a swabisa gore e bo e le bone ba ba santseng ba amiwa ke letlhoko la ditiro le lehuma ka bontsi.

“Maikutlo a me ke gore re paletswe ke go le rulaganyetsa isago,” Magang a supa jalo fa a buisa ba tsena-phuthego ba bontsi e neng ele banana. A tsweletse ka go tlhagisa gore, ntle le banana, ga gona lefatshe lepe le le ka dirang tswelelopele.

Go ya ka Magang, ga go thuse sepe gore lefatshe, le tswelele ka go baya madi ka bontsi kwa dipolokelong tsa mafatshe a sele ntswa itsholelo ya lone e eme golo go le gongwe. O tsweletse a re bontlha bongwe jwa madi ao, ke one a a ka dirisiwang go nonotsha banana gore ba itlhabolole le lefatshe la bone.

O tsweletse ka gore, mehama e tshwana le thuto ya boleng jo bo rileng le dikgwebo tse dipotlana, di ka thusa thata go tlhabolola itsholelo ya lefatshe. Magang a re lefatshe leno le ka fitlhelela seo fela fa le ka tsenya ditsompelo le kitso mo bananeng.

Magang o ne a tlogela ba le bantsi ba akabetse fa a supa gore seabe sa beng gae mo dikgwebong tse di itshetletseng mo lefatsheng leno, se kwa tlase fela thata. O ne a fa sekai ka nngwe ya dibuka tsa gagwe, a re lebenkele lengwe le mo duela fela fa ba sena go tsaya tetla kwa bagolwaneng ba lone, ba ba baleng kwa ntle ga lefatshe leno.

“Re mo marakanelong a ditsela,” ga bua jalo Magang, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore lefatshe leno le ithone dinta. Fela Magang a kopa banana gore le bone ba iteke ka go tswa ka metlhale e mesha e ba ka itlhabololang ka yone, go na le go ikaega thata mo pusong.

E ne e rile gole pele mo karolong ya gagwe fa a buisa batsena-phuthego, tona Olopeng a supa fa gole botlhokwa go nonotsha banana le go ba fa boikarabelo. Olopeng o ne a re ke sone se puso ya lefatshe leno e tsweletseng ka go se dira.

Olopeng a tlatsa ka gore, banana ba tshwanetse ba nne le kgatlhego ya ditsamaiso tsa puso. A re se se ka thusa thata go fokotsa dipalo tsa banana ba ba sa inaakanyeng le go tlhopha puso e ba e ratang.

Mongwe wa banana ba go neng go supiwa fa e ka nna sekai mo go ba bangwe, Bogolo Kenewendo, yo eleng moitsaanape wa tsa itsholelo, o ne a iteela kobo-moroko mafoko a ga Magang, a re ntswa a rutegile ebile a tsene le kwa dikoleng dingwe tsa mafatshe a moseja wa mawatle, e le banana ba na le kgwetlho ya gore ba betle methale e mesha ya ditlhabololo go nale e e tlwaelesegileng. Kenewendo a re itsholelo ya lefatshe leno e tshwanetse go tsamaela kwa go ikaegeng thata ka dikitso tse di tseneletseng mme di gwetlhwa ke banana.

Ya re a ntsha la gagwe, Ngaka Ulrich Golaszinski o eleng Moemedi wa Lekgotla la Friedrich Ebert Stifttung Foundation (FES) mo Botswana, e ne o tlhalositse fa banana ba na le tshwanelo ya tekatekano le go rutuntshiwa ka mokgwa o ba ka tlhabololang lefatshe la bone.

Thuto-seka-dipuisano e, ene e rulagantswe ka maikaelelo a go rutuntsha banana thata ka dikgang tsa boeteledipele. E tsenwe ke banana ba barutegi le go tswa kwa mekgatlhong e farologaneng go balelwa ya sepolotiki.