Naledi

Go nwela gongwe le gongwe ke molato

Borre ba, ba simolola loeto lwa go itshwina ka nnotagi
 
Borre ba, ba simolola loeto lwa go itshwina ka nnotagi

Se se builwe ke mothusa mookamela lephata la kanamiso-mafoko la sepodise Rre Dipheko Motube, matlho-a-phage a lebane le lokwalodikgang lwa Naledi, bosheng.

Motube a re, se se diragala fela ntswa go supega sentle gore bontsi bo na le kitso ya gore go dira jalo ke molato. O tsweletse a gwetlha bangwe ba banwi ba bojalwa gore ba seka ba itebatsa gore mangwe a mafelo a rekisang bojalwa a bapile le mafelo a tshwana le dikolo le dikereke, mme go tshwanetse ga nowa ka boitshwaro jo bo letlelesegang.

A re go le gantsi go supagetse fa bangwe ba sa nwele bojalwa mo marekisetsong a bojalwa mme e re fa ba sena go bo reka, ba gobea le mebila fa bangwe ba emisa dikolo tsa bone gongwe le gongwe mme ba tsose modumo fela o sa letlelesegeng. A re go ditiragalo dile mmalwa tsa bangwe ba gape ba tshamekisang dikoloi go itumedisa ditsala mme ba bake dikotsi.

Motube a re, bojalwa ga bo a tshwanela go lebatsa batho boikarabelo. A re motho o tshwanetse a ipotsa gore bana ba mo leba jang fela ba tswa sekolong ba mmona ele mogolo a thetheekela ka bojalwa mo mebileng, ebile le fa gongwe a bua le mafoko fela a a sa tlhapang.

Motube a re batho ba tshwanetse go lemoga botlhokwa jwa gore ba itlotle le fa ba amana le nnotagi, a tlatsa ka gore bangwe ba na le mokgwa wa gore fa ba nole, ba bo ba dira melato e mengwe e tshwana le go tsamaya ba tsenya batho ba bangwe dingalo, ba tlhokela batho botho le go sa itshware sentle fela mo setshabeng ka kakaretso. A re se gantsi se tsala tlhoko-kutlwisisano e felelang e tsetse dikgobalo le dipolaano.

Naledi e ne ya mmotsa gore a mme go reka bojalwa motho a bo a ya go nwela kwa gae le gone ke molato, mme Motube a araba ka gore ke mokgwa o o botoka, fela a kaya gore bothata jaanong e nna fa baagisanyi ba tsosediwa modumo.

 A re batho ba tshwanetse ba nna le mowa wa boagisanyi o montle le go tlotlana.

Kgang e nngwe e Naledi e neng ya e lebisa Motube ke ya gore, bangwe ba ngongorega ka gore sepodise se goga maoto le go sa tlhwaafaleng dikereke tse di lalang di tsosa modumo masigo. Motube o ne a araba ka gore molao ke molao, go sa kgathalesege gore a o kereke kana morekisi kana monwi wa bojalwa.

Le fa go ntse jalo, Motube o ne a amogela gore fa e le gore Batswana ba ipelaetsa gore ga ba dire go lekane mo ntlheng eo, ele ba sepodise, batla ela seemo seo tlhoko.

“Motho fa a bonwe molato wa go nwela bojalwa mo mafelong a go sa letlelelweng go nwela teng, o ka atlholwa madi a sa feteng P5 000 kana kgolegelo e sa feteng dikgwedi tse thataro” go tlhalosa jalo Motube, a bolela gape gore, se se ka diragalela gape le morekisi o letlelelang bareki go nwa mo marekisetsong a go sa letlelelweng go nwa bojalwa mo go one.

Fa molato wa go tsenya batho ba bangwe dingalo gongwe le go ba gobatsa o ka tsenya motho mo kgolegelong sebaka se se sa feteng ngwaga. -family:'Times New Roman','serif';mso-fareast-font-family: 'Times New Roman';mso-ansi-language:EN-US;mso-fareast-language:EN-US; mso-bidi-language:AR-SA'>Eleng seo go neng ga nna le mogopolo wa re dikgosi ka bobedi di kopane go buisana ka kgang e pele.