Naledi

Ba bokaa le Morwa ba lwela molelwane

Mo jaanong ba setseng ba ganetsa le Kgosi Segale Linchwe fa a re o romilwe ke Tautona wa lefatshe la Botswana Lt General Ian Khama go utlwa mathata a bobedi jo le go rarabolola kgang e ya bone.

Morago ga go gana go tsena phuthego ya beke tse pedi tse di fetileng ga ba Morwa e e neng e biditswe ke Kgosi Segale , erile beke e e fetileng ga kopanwa kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla kwa Mochudi kwa Kgosi Segale a neng a tshwanetse go reetsa dilo le dingongora tsa Bakgatla ba ga Morwa. Phuthego e gape e ne e tsenwe ke Kgosi ya Bokaa Kgosi Sue Mosinyi le bagolo ba Bakaa, fa go tswa kwa ga Morwa go ne go eteletse Kgosi Masisi Ntshole, yo le ene a neng a patilwe ke bagolo ba motse wa gagwe.

Ke mo go yone phuthego e, go neng ga bonala le go utlwala sentle gore ntwa ya metse e mebedi e, ebong Morwa le Bokaa ka ntlha ya molelwane ga se e e ka felang mo letsatsing leo, kgotsa le fa e le gone mo bogaufing. Dipuo tsa baagi ba metse ka bobedi ba supile sentle gore ba santse ba tla a gogagogana jaaka dintsa di lwela letlalo, ka go bonala sentle gore ga gope yo o ikemiseditseng go reetsa le go amogela se yo mongwe a ngongoregang ka sone.

Fa Kgosi Segale bolela fa ene a romilwe ke tautona go tla go utlwa matshwenyego a matlhakore ka bobedi, gore kgang e ya moruthutha e tle e fele, Kgosi ya Morwa Kgosi Nhtsole a bolela gore thomo e ya tautona Khama ya go batla tharabololo ga e a tsamaya sentle ka thulaganyo. A re tota ka ene a na le botsadi go tswa kwa ga Morwa ga a kake a tsaya tshwetso epe, a re a ba tla a mo letla go ntsha ngongora ya gagwe fela a re o ka utlwa ka bone gore ba reng ka phuthego e.

Bagolo ba ga Morwa, erile go ema ka dinao go tswa molomo ba bolela fa Kgosi Ntshole a le mo boammaaruri jo bo sa jelweng pheko fa a re o na le ngongora, ka jalo ba gana phuthego e e tswelela pele ka ba re e ka se ba tswele mosola ope.

Monnamogolo Moroka Tau o ne a bolela gore ba dumala le kgosi, a re ga ba solofele gore phuthego e le fa e ne e ka ba tswela molemo, ga ba solofele ga e ka ba tswela molemo fa e le gore e ka simololwa ka tsela e e simolotsweng ka yone

Tau o ne a re ba bona go le botoka gore ba kope gore ba kopane le kgosi ba mo ipolelele ba ithune dinta tsotlhe ntle le go sa tshabe sepe mabapi le se tota ba lelang ka sone, baagi ba Morwa ba tsweletse le go bolela fa Kgosi Segale o raelwa ke lekgotla la Kabo-ditsha la Kgatleng.

Mogolo yo mongwe mogolo go tswa kwa Bokaa Double Montwedi o ne a bolela fa a tsholetswe mo ga Morwa, a re ga ba na molelwane le Morwa ka masimo a tlhamaletse fela go tsena kwa Mmamashia, a re le didiba baagi ba Morwa ba ntse ba nosa fela go sena yo o ba tshwenyang, gammogo le yyone meraka ba ntse ba tlhakanela meraka.

Ba Morwa ba ne ba supa Moshawa mongwe ba bolela fa e le one fa ditso tsa motse wa bone di simologileng teng bogologolo tala, se mme sa seka sa amogelwa gotlhelele ke Bakaa. Ka kgang e e ne e sa kgone go rarabologa, Kgosi ya Bokaa Kgosi Sue Mosinyi o ne a bolela gore ga gona sepe se ba ka se dirang le go se rarabolola fa ba sa itse gore tota batho ba ga Morwa ba ngongorega ka eng.

Eleng seo go neng ga nna le mogopolo wa re dikgosi ka bobedi di kopane go buisana ka kgang e pele.