Naledi

Khoza: motshameki wa pele wa Notwane

Raphefo 'Khoza' Dintwe
 
Raphefo 'Khoza' Dintwe

Jaaka dingwe ditlhopha tse dikgolwane, ngwaga ono se ne sa iphitlhela se sa dira sentle, mo se wetseng kwa liking ee kwa tlase ya ntlha, e e itsegeng thata ka ‘kwa leroleng’. Naledi e ne ya latela mongwe wa mabutswa, dinaledi le dithakga tsa pele Raphefo ‘Khoza’ Dintwe, go tlotlatlotla nae.

Naledi: Bolelela mmadi wa lokwalodikgang lwa Naledi go re o tswa kae.

Khoza: Ke tswa kwa kgotleng ya Mading kwa Sikwane. Ke rragwe bana ba le bararo; Thabiso, Karabo le Kelebogile.

Naledi: Re tseele kgang ka mosepele wa gago wa kgwele ya dinao.

Khoza: Ke simolotse kgwele e e tlhwaafetseng ka 1980 kwa setlhopheng sa Notwane. Ke tshamekile go fitlhelela ka 1995 fa ke tlogedisiwa bolo ke bokoa. Ke ne ka nna le kotsi ya koloi ka 1985, e le ka go thunya ga thaere kwa Modipane ka koloi ya ga rre Chillis Sekgoma e e ne ya nkama mo tlhogong.

Naledi: Nako e o ne o tshameka o ne o na le bo mang?

Khoza: Ke tshamekile le bo One One, Chankie Modise, Ryder, Rrenyane ‘Bomber’ Dikole, Paymaster, John Skitikiti, Banks Masala, George ‘Pro’ Rahube, Stopper le Mosotho gotwe Wagga Wagga le ba bangwe ke setse ke lebala maina a bone…

Naledi: Maina a o a buang a, a ne a tumile thata, a mme Notwane e ne e dira bontle?

Khoza: Ke gakologelwa liki gotwe ke Castle. Re ne ra fenya Lion Cup ga bedi. Tse dingwe re di fentse ke le kwa sepatela. Ke lebetse, mme re fentse dikopi thata re bidiwa Chemdol Notwane.

Naledi: Fa o tshwantshwanya seemo sa kgwele sa nako eno le sa lona, o ka tshwaela o reng?

Khoza: Nako ya rona re ne re rata bolo, re e tshameka go sena itsholelo e ya gompieno. Go sena dikhokho, go sokolwa, go kolekelwa dikhokho, fela re le thimi e tona. Notwane ke yone e simolotseng go apara Kappa, mme e le dilo tsa dimpho fela go sena dipoelo.

Naledi: Go ya ikatisong ka dinako tseo, le ne le dira jang?

Khoza: Ke ne ke nna kwa Tsholofelo, ke palama dikhombi go ya ikatisong. Ke ne ke berekela PG, re rebolwa pele ga nako ya go chaisa. Re ne re bidiwa PG Notwane, re ipela fela ka leina la setlhopha go sena dikatso dipe. Mme fa gongwe mmanejara o ne a re pega fa re ya ikatisong.

Naledi: E ne e le boithaopo tota, go tshameka o ne o tshameka fa kae?

Khoza: Ke tshamekile diposishini di le dintsi. Ke simolotse ke tshameka 7, ka tloga ka tshameka 8, pele ga ke ya kwa go 4. Ke kile ka thiba Banks Masala a ngadile. Ke feletse ka go tshameka 3.

Naledi: E le gore Masala o ne a kgopisitswe ke eng?

Khoza: Go ne go twe ga a rekelwa dikhokho a bo a ngala (o bua a thubega ka setshego…)

Naledi: Bakatisi ba Notwane ba o ka tswang o ba gakologelwa ba nako ya lona ke bo mang?

Khoza: Re katisitswe ke rre Modise, ra bo re katisiwa ke Abubaka le Cross, yo o ne a ya kwa Rollers. Ka tloga ka katisiwa ke moZambia a bidiwa Moyo. Ba bangwe ke a ba lebala, mme ke gakologelwa gore Rrenyane le ene o kile a re katisa re sena mokatisi. Ke lebetse le moZambia yo o neng a nthuta bolo yo o ne a tlhokafala…

Naledi: Metshameko yone le ne le ya jang kwa go yone?

Khoza: Go ne go firwa dikombi. Go ne go na le Mothuba le Chepete, ba ne ba dirisanya le Notwane. Fa di seyo re ne re palama dikoloi tsa balatedi re bo re ya go tshameka. Re tshamekile lefatshe le lotlhe kwa ntle ga Gantsi le Tsabong. Motshameko wa rona wa mafatshe re ne ra ya Zimbabwe re nna mo tlelabong (lefelo la maitiso a mmino), re tshameka le Zimbabwe Highlanders. Ra ya Zaire le gone re tshameka le Highlanders ya teng. Ra ya Swaziland ra tshameka le Mbabane Highlanders, nako eo e thibelwa ke William Shongwe. Re ne raya le kwa Lesotho. Mafatshe a ke a bonye ka Notwane!

Naledi: Ke ditso tse dintle thata, a ga o ise o bilediwe setlhopha sa setshaba?

Khoza: Ke kile ka bidiwa ka 1982 ke na le Jeff, setlogolo sa ga Paymaster, mme ka seka ka goroga. Ga ba ise ba tlhole ba mpitsa gape. Kgwele ke ne ke e raga mme ke sa itse gore a e ka nna le botshelo.

Naledi: Re bolelele ka kamano ya lona le balatedi nako eo.

Khoza: Hei monna! Balatedi ba ne ba re rata thata. Go ne go sena kgwedi e e ne e ka feta re sa direlwe phathi. Bagolo ba nako eo e ne e le borre Lekalake, Mokgosana go tswa kwa Kanye, rre Modise le rre Festus Mogae e le maloko a club.

Naledi: A mme Notwane e santse e go gakologelwa?

Khoza: Notwane e nkgathalela thata! Ba nna ba mpolelela ditiro, mme ke nna ke sa boneng nako ka tsa pereko.

Naledi: Jaanong setlhopha ke se se wela kwa tlase. O ka ba raya o reng mo nakong eno?

Khoza: Hei! Keletso ke gore e kete Notwane e ka nna thimi e e ka kgotlhaganang, e nne thimi e e ka eletsegang, batho  ba tlogele go e kgoba ka dipuo. E batla batho    ba ba na leng lorato mo nakong e.

Naledi: Tlhola sentle mme o nne le botsogo jo bo namagadi.