Naledi

Man+ball le Super K ba ikgapetse difene

 

Motshameko ya bo ele magareng ga matona a puso le bakwaledi le bathusi ba bone, ele ba maphata a puso, mme gape motshameko ele bontlhabongwe jwa go keteka malatsi a badirelapuso.

Nako ya bobedi mo phatleng, manno a marulelo a bo tletse thii! Manno a a tlwaetseng go bidiwa gotwe panda le one fela jalo. Gotswa borwa ga bo ikgorosa setlhopha sa bakwaledi se eteletswe pele ke mokwaledi wa ga Tautona Carter Morupisi, ka bosweu le mekgabisa e e botala jwa loapi. Setlhopha sa matona a puso sa goroga gotswa bophirima se setswe morago ke meduduetso le melodi ya barati ba kgwele ya dinao mmele ele badirelapuso.

Kapotane ya setlhopha sa matona a puso, Thapelo ‘Tips” Olopeng, a goroga le kwenkwetla Kitso ‘Skeli’ Mokaila. Motshameko wa simolola e kare o tla tlola ditlhase jaaka legare la matona le akaretsa Tips le Alfred ‘Ali’ Madigele le neelana kgwele bontle, mme gore ba amogane kgwele le Eric “Dumba” Molale ya bo ele go sa tswa maduo jaaka Dumba a ne a palelwa ke go laola le go hula marumo ga gangwe le gape, fa a neelwa kgwele ke Tips le Phillip ‘Philibao’ Makgalemele.

Super K, Tautona Khama, a bo a iketlile kwa moleng wa botlhabatsatsi mme batshameki ka ene ba legare ba seka ba kgona go amogana kgwele sentle le ene, mo go feletseng legato la ntlha le fela motshameko ele maleka a lefela.

Monnawe Super K, Tshekedi ‘Man+ball’, a bo a le teng pele ga motshameko o ya boikhutsong, sebe sa phiri e le go sa kgona go laola kgwele sentle mme a kgopega kgapetsakgapetsa. A tloga a itharabologelwa mme a hula thata, dikgwele tsa gagwe tsa simolola go rothegela mo legareng la bakweledi, a bo a le teng Mokwaledi Magosi gotswa kwa lephateng la bojanala le makgabisanaga. A neelena kgwele sentle le Carter Morupisi ga mmogo le mothusa mokwaledi kwa lephateng ka banana le metshameko, Lewis Malikongwa.

Ya re go ise go e gope, bakwaledi ba atlanya kgwele le letlowa mme Unity ‘Headgirl’ Dow le Dorcus ‘Dog-dog’ Makgatho ba utlwa ka modumo gotswa kwa mannong a balatedi, mme ba sala ba suputsa fa fatshe e kare ba sela sehako sa pula ya sephai.

Super K, afetola lobala mme a tshameka kwa moleng wa moja go ya borwa. Ka maiteko a mantle a ga Man+ball, yo a neng hula kgwele e ntle e e rothang, go kwa molagareng, mme ya fitlhela Tips ale teng mme a e neelana le Nono Molefhi, yo a neng a e neela Philibao mme a bona Super K, a ga se foromane ya gagwe, mme Super K a bo a setse a sianetse ntlheng ya sekhutlo sa moja mme a feta ka Neil Fitt ya re tsholetsa matlho a golola lerumo le le itswapetsang mme la  fitlhela Thatayaone Dedele a sa ipaakanyetsa thago e, mme ya itaya kota e e kgaganyang mme ya rothegela ka fa morago ga gagwe, le ene fela jaaka Headgirl le Dog-dog, a utlwa ka balatedi kwa marulelong.

Ya bo ele Super K, a tswa mo lobaleng a roronka a supa gore o santse a ka siana thata. Monnawe, Man+ball a lebogwa ke batshameki ka ene go bo a thusitse go sireletsa kwa morago le go ntsha ditaelo tse di roromisang lefatshe ele go tiisa moko batshameki ka ene. Sisi Boy, Mokgweetsi Masisi, a bo a le tsididi mme fela a le montle mo go kgameng dikgwele le neelano e ntle le Sadique ‘Tsotsi ya bandleng’ Kebonang.

Moemanokone wa popota ya bo ele Athalia Molokomme ka lenaka mme a dira ka natla go rotloetsa bakwaledi ba puso. Owai! Nigel Fitt ene a tswa le fa ele go e kgoma, mme Frans ‘Ekse’ Van Der Westerhuien ene a le phepha ka go tshosetsa bakwaledi fa ba leka go neelana kgwele. Motshwameko wa fela ka maleka a nno setlhopha