Naledi

Ba nyoretswe kgaisano ya Kabelano

Ka nako ya fa go dirwa kgogo ya go lebaganya ditlhopha kwa mmolong mogolo wa Gaborone ka Labotlhano, go ne ga lebega sentle gore barati le balatedi ba ditlhopha tsa Mochudi Centre Chiefs le Township Rollers ba ne ba eletsa okare di ka seka tsa kopana mo motshamekong wa ntlha. Ka ba dumela gore bone ba kgona go ntsha ditlhopha tsa Extension Gunners le Sankoyo Bush Bucks fa di ka lebagana le tsone pele.

Kgogo e, e ne ya araba dikeletso tse tsa bone, ka e ne ya re pele go phatlalalwa, ga bolelwa fa setlhopha se eleng ditshimega tsa liki ya monongwaga ya be MOBILE Mochudi Centre Chiefs, se tla lebagana le se se magorogo masha mo liking e, sa Sankoyo Bush Bucks go tswa kwa Maun. Fa mekaloba ya ngwaga e e fetileng ya beMOBILE Popa-popa, e tla  thulana le Gunaguna go tswa bandleng.

Maduo a kgogo, a ne a dira gore bontsi, bogolo jang barati le balatedi ba Chiefs le Rollers ba ipone ba setse ba le kwa makgaolakgannyeng, ka ba nyatsa thata ditlhopha tse ba lebagantsweng le tsone. Bangwe ebile ba papamala fela go bolela fa ba fentse ditlhopha tse mo liking e e neng e fela, eleng seo ba senang le fa e le letsogonyana lepe fela.

Kwa ga MmaMasire, barati le balatedi ba tlhamaletse fela ba bua gore ba setse ba kile ba sotlaka le go kgatlampola setlhopha sa Gunners ka dinno di le supa go lefela, mo kgaisanong e ngwaga e e fetileng, ka jalo ba re ba ya go tsweledisa se gape mo kgaisanong ya monongwaga. Ba tlatsa ka gore ba ile gape ba fenya setlhopha se ka dino di le nne go tse pedi mo liking ya be MOBILE monongwaga, se ba reng ke sesupo sa gore ga ba na mathata ape le Gunners.

Fa ba Peleng bone, ba bolela gore pula ya medupe e na e ema, ba re le fa e ka tla e supa fa e tla a a tsaya malatsi a le mantsi, e felela e ema, maru a bo a phatlalala, ba re le ene kgano o a tle a jewe a bo a laelwe. Ba re Mapalasetina e jele kgano a mo laetse, ka gore fa e le go ba fenya monongwaga gone ba lebale, ka gore nako ya bone ya go ipusolosetsa e gorogile.

Bangwe ba barati le balatedi ba Gunners, Marea Tebele a re ga gona jaaka Rollers e ka ba fenya monongwaga, a re e a ba kolota ka jalo e tshwanetse go ba duela ka go ntsha mokwatla fela ba bo ba o baya thupa. Mafoko a gagwe a tladitswe ke Kabo German Motlogelwa le Ntebogang Nnoso Nthote ba le bone ba reng Rollers ga e na phatlha ya go ka tsena ya fenya Gunners, ka ba re ban a le tshepo e ntsi mo setlhopheng se sa bone.

Kwa Magosi gone, go buiwa puo ya lenyatso, bogolo jang ka setlhopha se e le ditshimega tsa liki, eleng seo barati le balatedi ba sone ba reng bone ba ya go tswelela le se ba ntseng ba se dira mo ditlhopheng, go akaretsa le mo go yone Sankoyo e ba e fentseng gabedi mo liking. Gareng go ba bangwe go le Kgotso Moloi yo o reng Sankoyo ke setlabosheng mo liking, mme gape ke setlabosheng mo kgaisanong e ya Kabelano, ka jalo ba tla a e amogela ka molelo.

Kwa Maun gone bagolwane ba setlhopha le barati le balatedi ba sone, ba bua puo e le nngwe ya gore yo o ba nyatsang ga a itirele boammaaruri ka gore bone ba na le motlhala o o ba buelelang, moanamisa mafoko o boletse gore bone ba siame fela go ka thulana le Magosi, mme ba ka fetela kwa makgaolakganyeng go ka thulana le Rollers kgotsa Gunners.