Naledi

Mmegadikgang o tshosediwa go thubetswa

Mapodisi le Badisamagolegwa ba netefatsa gore mosekiwa yo a neng a tshosetsa mmegadikgang wa Naledi o khinnwe mo koloing. PIC. Zolani kraai
 
Mapodisi le Badisamagolegwa ba netefatsa gore mosekiwa yo a neng a tshosetsa mmegadikgang wa Naledi o khinnwe mo koloing. PIC. Zolani kraai

Go tshosediwa moo, godiragetse kwa lekgotleng la ga mmakaseterata lwa Letlhakane. E ne e rile go le pele ka letsatsi leo, babelaelwa mo ditshekong ka go farologana ga tsone ba itshupa mo lekgotleng, mme ya re morago ga seo babelaelwa bangwe ba ba neng ba sa letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ba simolola go tsena mo dikoloing tsa mapodisi ka go farologana ga tsone. Ka bofefo jwa logadima go ne ga tsoga tlhatlharuane ope a sa solofela; mmelaelwa a ne a s5hakgetse, a kobakoba Pekenene ka maikaelelo a go mo tshwara ka tse di  jang bogobe.

Pekenene o ne a tshwara bothata jo bo seng kana ka sepe, ka e bile fa a ntse a sia jalo o ne a kgopiwa a wa, a bo a menagana jaaka thipa ya mokopelo; ya re fa mosekisiwa a re o mo raga ka setlhako a emelela ka bofefo mme badiri ba lephata la dikgolegelo gammogo le mapodisi ba kgona go mo sireletsa. Ka nako eo, batho ba ba neng ba lebeletse ba ne ba a ja monate ba tshega fa ba utlwa rre wa mosekisiwa a  tlhapatsa mmegadikgang yoo, yo ene ka nako eo a neng a tsweletse a tsaya ditshwantsho go tsweledisa tiro ya gagwe. Morago ga gore mosekisiwa a tike buka e a neng a e tshwere mme ya betsa mmegadikgang mo molomong gore a bo a itome pounama ya tlase, badiri ba lephata la dikgolegelo bane tshwara rre yoo ka bofefo ba bo ba mo latlhela mo koloing.

Ka nako eo, rre yoo o ne a goa a bua mafoko a a gakgamatsang e bile a tshosa. O ne a re ‘’Fa nka go bona mo Zowa ke tlaa go betsa gore ba gaeno ba dike ba go leletse, ke tlaa go thubathuba selo ke wena”.  O ne a tswelela ka gore fa go ka diragala gore o tle kwa kgolegelong ke tsile go go latlhisa makgakga, ke tsile go go baakanya, ke tlaa go robala, a bua jalo a ipoeletsa gantsi’’ mme lentswe la gagwe la nyelediwa ke go emelela ka lebelo ga koloi ya mapodisi. Morago ga tiragalo eo Naledi e ne ya leka go buisana le  Pekenene mme o ne a araba ka gore, ‘’Bobegadikgang ke tiro e e thata; ke tlwaetse morwa rre, kana ke kile ka diragalelwa ke tse di fetang se, rona babegadikgang re tshelela mo letshogong letsatsi le letsatsi.’’ Fela mmegadikgang yoo a re dilo tsotlhe tse di dirilweng ke mmelaelwa yoo ke ka ntlha ya tshakgalo ka a ne a sa batle go tsewa dinepe. Pekenene a re ga aka a pega kgetsi kgatlhanong le mmelaelwa.