Naledi

Segale o nakeng tsa Nare

Kgosi Segale Linchwe
 
Kgosi Segale Linchwe

Fela Bakgatla mo metseng ka go farologana supa Kgosi Segale ka monwana mo go se ba reng ke go tsaya letlhakore ga gagwe.

Dikgang tsa gore Kgosi Segale o tsaya letlhakore, di simologile kwa motseng wa Oodi dikgwedi tse tharo tse di fetileng, kwa ntwa ya bogosi e ruletseng teng, mme lengwe la makgamu a a lwelang bogosi a la supa Kgosi Segale ka monwana ba re o setse a tsere letlhakore, a sekamela ntlheng e nngwe, fa bone a ba kgaphela kgakala.

Go supa go nna sebete se molangwana mabapi le go tshereganya ntwa e ya bogosi jwa Oodi, ba kgotla ya ga raSemele ba felela ba bolelela Kgosi Segale gore ga ba mo amogele gotlhelele mo motseng wa Oodi, ebile ba mo kopa gore a intshe mo kgannyeng e ka a setse a tsere letlhakore. Ba ne ba ema ka dinao ka go latelana ba tshela Kgosi Segale ka leupa go fitlhela le ene a amogela gore ga e le bone ba kopang gore a tswe mo kgannyeng e, o tla a dira jalo. A gakologelwa gore kana Motswana wa maloba o boletse gore nama ya pateletsa e thuba pitsa. Erile fa okare kgang e ya go supiwa le go kgalwa ga ga Kgosi Segale  mabapi le go tsaya letlhakore e tla a nyelela le go lebalwa, ba Morwa le bone beke e e fetileng ba ne ba tsena mo kgotleng ya motse o ba jele magala a Motswere. Ba le bone ba ne ba seka ba ipona tsapa le go tshaba sepe jaaka ba ne ba papamatsa gore ntwa ya bone le baagi ba motse wa Bokaa e rotloediwa thata ke Kgosi Segale Linchwe, ba re o na le sengwe se a se robang mo kgosing ya Bokaa, Sue Mosinyi le mogolwane wa lekgotla la Kabo-Ditsha,Molome. Kgosi ya motse wa Morwa, Kgosi Masisi Ntshole o ne a bua gore ka na Bakaa ba fitlhela motse wa Morwa o ntse o le teng, o godile mme ebile mongwe le mongwe a itse sentle fa o tsamayang teng, eleng seo a hakgamalang thata go utlwa fa jaanong motse wa Bokaa o setse go goletse mo go wa Morwa ka go tlola mololwane. A re ba ne ba hakgamadiwa ke go utlwa fa Kgosi Segale a ba bolelela gore ba batla go kgaoganya Kgatleng ka go sena melolwane mo kgaolong e.

Kgosi Ntshole o tsweletse a bolela gore pele ga Bakaa ba Bokaa ba tla, motse wa Morwa o ne o felela bokgala jwa thata, go akaretsa le one mafudiso a leruo a a neng a go ntse go itsiwe sentle gore a mo motseng wa Morwa. A re kgang e ya go jelwa motse ke Bakaa, e tswa kgakala ka e setse e kile ya buiwa mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke botautona ba lefatshe la Botswana, mme e setse jaanong e tsere phekelo e sele ka lekgotla la kabo-ditsha la Kgatleng le le mo go yone.

Baagi ba motse wa Morwa, bogolo jang bagolo, ba ne ba tswelela jalo ba tlhalosa ka fa ba itseng mololwane wa motse wa bone ka teng ba supa ka monwana le go kgala thata Kgosi Segale mo go se ba reng ke go tlhakatlhakanya dilo ga gagwe. Kgang e le gore o tsere letlhakora la Bakaa, eleng seo jaanong go lebegang motse wa Morwa o tsweletse ka go komediwa ke wa Bokaa.

Mongwe wa bagolo ba motse wa Morwa, Mogatusi Kwapa o ne a bua ka tshakgalo a bolela gore tota kgang e ya Bokaa le Morwa e tlhakatlhakanngwa ke Kgosi Segale ka bomo, a tlhalosa fa kgang e ya bone e kile ya buiwa. Mme jaanong go hakgamatsa thata go utlwa fa jaanong e tshwanetse go rarabololwa ke lekgotla la kabo-ditsha, le a reng le lone kana le eteletswe ke motho kgotsa moagi wa Bokaa ebong Molome yo go seng jaaka a ka tlhokang go ba sokela dirope a gogela kobo ntlheng ya Bokaa.Kwapa o ne a bolela gore Kgosi ya Bokaa Sue le Molome ba batla go dira dikgang fela tse di seyong ka ba lebile motse wa bone le gone gore o ka bona dingwe ditlhabololo tse di tona, jaaka sepatela, a tlhalosa fa e le bone ba gogelang Kgosi Segale ntlheng ya bone. Kwapa a re dilo tsa malatsi a gompieno di a swabisa ka bagolo ba batla go jesiwa sengwe pele ga ba ka rarabolola dikgang, a bolela fa ba ga Kgosi Sue le Molome ba jesitse Kgosi Segale sengwe.

Kwa kgosing gone, Kgosi Segale ene o bolela gore kgang e ya ntwa ya Bakaa le Bakgatla ba-ga- Morwa e setse e kile ya buiwa, mme tumalano ya nna gore tsela ya sekontere e e tswang mo motseng wa Morwa e ya Bokaa, ke yone mololwane. A re o ipotsa gore tota jaanong kgang e e tlhagogang e, e tswa kae, a re ene o ne a bitsa jaana ka a bona kgang ya mololwane tsere sebaka.