Naledi

Ba sekela go utswa dikhondomo

Boraro jo, bone bo ile go arabela melato e ba e lebisitsweng ya go thuba le utswa, e e akaretsang go utswa dipaki tsa dikhondomo tsa modiro wa TRUST di le masome a mabedi le bongwe tsa tlhwatlhwa ya makgolo a mabedi le lesome la dipula (P210.00).

Go ya ka fa kgang e thailweng ka teng fa pele ga lekgotla, le le neng le tletse phetelela, basekisiwa ba lebisitswe melato e le metlhano mongwe le mongwe  wa bone. Melato e e akaretsa go belaelwa go thuba mo marekisetsong a a farologanyeng le go utswa dithoto tse di farologanyeng tse di akaretsang dikhondomo kwa kgaolong potlana ya Boteti. Babelaelwa mo tshekong eo, e e tsamaisiwang ke Inspector Aubrey Mmereki wa kampa ya Sepodisi ya Orapa, ga ba aka ba bodiwa gore a ba ipona molato kgotsa jang. Le fa go ntse jalo, mokwalo wa ba bosekise o o neng o balwa mo lekgotleng ka letsatsi leo, o tlhalosa jalo gore basekisiwa, ba belaelwa gore ba ne ba tlhotlhoma mo mafelong mangwe a kgaolo potlana ya Boteti, a a akaretsang Mokobaxane le Orapa mme ba dira tshenyo ya go thuba ba bo ba utswa dithoto tse di farologanyeng. Bosekisi jware mangwe a marekisetso a go thubilweng ga bo ga utswiwa mo go one ke lebentlele la Mpone kwa Mokobaxane le marekisetso a a bidiwang Sasha kwa moepong wa diteemane wa Orapa.

Bosekisi bo tsweletse jwa tlhalosa gore basekisiwa ba dirile melato eo ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le lesome le bosupa go fitlha e le lesome le borobabobedi mo ngwageng ono. Ga twe babelaelwa ba ne ba thuba marekisetso a Mpone kwa Mokobaxane mme ba utswa dithoto tse di akaretsang melora, mechine,megopo le dijo. Gatwe dithoto tseo ke tsa tlhwatlhwa ya P10 233.70.

Go boletswe gape fa babelaelwa ba ne ba thuba ba bo ba utswa dithoto tse di farologanyeng kwa marekisetsong a chibuku a a bidiwang Sasha, mme ba utswa dithoto tse di akaretsang chibuku le dikhondomo. Tlhwatlhwa ya dithoto tseo tsotlhe ke P9 209.50. Ka jalo, boraro jo bo lebisitswe gape molato wa go tsena ba bo ba nna malatsi kwa moepong o o sireleditsweng wa Orapa kwa ntle ga tetla kgotsa teseletso.

Ka letsatsi la tsheko, babelaelwa ba ba neng ba lebega ba tletse mowa wa tshakgalo le go  batla  ntwa fa ba le mo lebokosong la bosekelo, ba ne ba bolelela mmakaseterata gore ba kopa go fiwa tetla ya go emela tsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo.

Le fa go ntse jalo motsamaisa tsheko e leng Inspector Mmereki o ne a ganana le seo gotlhelele e bile a ntsha mabaka a gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse e bile dingwe tsa dithoto tse di utswilweng ga di ise di bonwe.O tsweletse a bolelela lekgotla gore  babelaelwa  ke batho ba ba sa nneng golo go le gongwefela ka e bile go lemotshegile gore mongwe  le  mongwe wa bone o hirisitse matlo a feta bongwe mo mafelong a a farologanyeng mo motseng wa Letlhakane.

Gape, mosekisiwa wa boraro yo o tlwaelesegileng ka leina la “Zoo”  o ne gape a fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang fa e le tagi ya motokwane. Ka jalo, lekgotla le ne la gana go naya borre bao tetla ya go emela tsheko ba le kwa ntle mme la laola gore ba iponatse gape fa pele ga ga mmakaseterata ka kgwedi ya Phukwi e tlhola borobabongwe. E ntse e le kwa lekgotleng leo,Calvin  Seletelo  wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe (29) o iponye molato wa go kgweetsa  koloi a nole bojalwa ka selekanyo se se sa letlelesegeng mo lefatsheng leno.Thato Mothuso yo o tlholegang kwa Mohisenyane,ene o mo bothateng jwa go lebisiwa molato wa polao.